Leboko la Batlokwa

Kwa Mošaweng wa a-Matlale o o sekoti
Wa ga Matlale-a-Molefe-a-Gaborone-a-Matlapeng
Go bokile rre Kgam ane-a-Mogapi
Ka kwa kgorong ya abo Rrampedi-a-Meswele
Kwa kgorong ya abo Piti. le Rramokete
A na le rre Montsho-a-Segokgo
Mosimane wa kgoro ya abo Papodi le Rammutla

Ba bokile banna bo Gaborone
Ba bokile Matlale le Peolwane
Ba boka Rabašwa monna-Matlale

Ao ke maifatswana a go rekwa ka kgomo
Ke batho ba ga Mmatsela -a-Mosima
A mosi mmolaa-moapei
Moapeelwana a sala a lla


  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Merafe le dikgosi tsa maloba

| Bahurutshe | Bakwena | Bafokeng | Bakgatla | Barolong | Bangwaketse | Balete |
| Batlhaping | Batawana | Batlokwa | Bangwato | Batlhako | Batlhware | Baphuting |
| Barokologadi | Baphiri | Bataung | Bakubung | Baphalane | Batsatsing | Batlharo |

BATLOKWA

baTLOKWA - Botswana
Kgosi Religion: : Kgosi KEMA [Kema Gaborone] (1973/-) Kgosi TAUKOBONG, had issue.
Kgosi MOLEFE (qv)
Makabe, died young. Semela, had issue.
Molosiwa, had issue.
Taukobong.
Kgosi MOLEFE, had issue.
Kgosi BOGATSU (qv)
Chief Phiri
Kgosi BOGATSU 1780/1815, had issue. He died c1815.
Kgosi KGOSI I (qv)
Chief Maboyowe
Kgosi KGOSI I 1815/1823, had issue.
Kgosi LESHAGE (qv)
Kgosi BASHE (qv)
Kgosi MATLAPENG (qv)
Kgosi LESHAGE 1823/1826 (Acting Chief), died c1851
Kgosi BASHE 1826/1835 (Acting Chief)
Kgosi MATLAPENG 1835/1880, had issue. He died 1880.
Kgosi GABORONE (qv)
Sedumedi
Ramonnye
Mokwene
Kgosi Sebolao
Kgosi GABORONE 1880/1931, born about 1825, had issue. He died 1931.
Chief Molefe, had issue. He died 1922.
Kgosi MATLALA (qv)
Chief Rabasha
Chief Nkopo
Chief Ramaeba
Chief Kuate
Chief Peolane
Chief Kesetse
Kgosi MATLALA 1931/1948, had issue. He died 1948.
Kgosi KGOSI II (qv)
Chief Bashe Gaborone
Chief Sedumedi Gaborone
Kgosi KGOSI II [Kgosi Matlala Gaborone] 1948/-, 1905-1973
Kgosi GABORONE [Gaborone Gaborone] -/1973
Kgosi KEMA [Kema Gaborone] (qv)

Aforika Borwa

(3)baTlôkwa
Kgôsi
.... - .... MmaMane (f) (acting)
.... - 1817 Mokotjo
1817 - 1824 Monyale a Mothaba (f)(acting)
(later called MmaNtatise Sia Mosayane)
1824 - Jul 1856 Sekonyela a Mokotjo
Jul 1856 - .... Leligoanna + Lehana
Kgang e e sa tlhotlhiwang gotswa mo:
BUKA YA GO BUISA
Std. V le VI.
Kgatiso ya Lesome 1965
Mokwadi: P. LESEJANE
tsebe 32-39


Batlokwa
    Morafe o ke bana ba ga Kgwadi, ngwana wa bone wa ga Tabane, yo a neng a itsege go feta bana ba botlhe ba ga Mmathulare. Ba flogetse gongwe le Bapedi mme ka ge ba bile ba kopana le Maswazi, le bone ba ne ba bidiwa Basotho.
    Kwa tshimologong ba ne ba se na phologolo e ba e binang mme ba ipitsa fela gore ke ba ga Molefe yo e neng e le ene motsadi wa bone mme ba ikana ka ene. La bofelo ba kgetha katse ya naga gore ke yone phologolo e ba e binang. Go ne go se seano se se ka ba tshwanelang go feta seano sa katse ya naga kapo nkwe gonne ba ne ba le bogale jaaka phologolo e; ba ne ba phela mo ntweng le go thukhutha merafe e mengwe e e gaufi nabo. Ka go phela mo ntweng ga ba a ka ba ntsifala ka pele jaaka ba ga bone, Baphoting le Makgolokwe Le gen ekete e rile tshimologo ya 17 00 ba bo ba ntsifetse, ba le maatla e ne e le bakeng la bafaladi ba ba neng ba tsena mo go bone ba tlhaga botlhabatsatsi. Ba ne ba le bogale le gone ba rata ntwa.
    Ka jaana ga go a ka ga tsaya sebaka ba ise ba kgaogane le Bapedi bao ba tlogetseng gongwe nabo ge ba tlogela dithaba tsa Magaliesberg, le bone ka nosi ga ba a ka ba nna morafe o le mongwe baka se seleele. Ba ne ba kgaogana karolo tse pedi, e nngwe ya sala ntlheng ya bokalaka gaufi le thaba tsa Zoutpantsberg. Karolo e e ne ya sala le Kgwadi, e le ene kgosi. Karolo e nngwe, e re tla ithutang ka ga yone, e ne ya hudegela ntlheng ya borwa e eteletswe ke Molatodi, morwa Molefe yo mmotlana.
    Ba ne ba thibella ka sebaka mo kajeno go bidiwang tikologo ya Wakkerstroom. Fa ke fa Molatodi a swetseng gone. Mo khularong ya loso lwa gagwe bogosi bo ne ba tsewa ke morwawe a bidiwa Lepatswe. O ne a busa ka bokhutshwane mme a nnwa setilo ke morwae, Tshotetsi. Mo pusong ya gagwe setšhaba sa gagwe se ne sa kgaogana kala tse pedi. Kgaogano e ne ya tsisiwa ke boikgogomoso le kedimo ya ga Motonosi.

    Motonosi o ne a le gaufi le Tshotetsi ka letsalo. Mo kagong e ntle ya motse e ne e le ene monneng (ke kgoro e e latelang ya kgosing). O ne a sa itumelle maemo a mme a eletsa go nna le maatla a magolo mo motseng. A itlhoma gore ke ene a laolang letlhaka, bojang jo bo rulelang, le ditlhare tsotlhe tse di neng di le gaufi le motse. Fa Tshotetsi a gana go mo naya maatla a a mo raya a re: "Motlokwa, ke tla go tlogela ka kagiso gonne wena ga o boife go tsholla madi."

    Go tloga fa Motonosi a hudugela ntlheng ya borwa mme a feta a aga le Makgolokwe a ga Tsholedi dinyaga di se kae mme a fetela ntlheng ya borwa. La bofelo a thibella fa gare ga noka ya Dipudumo le dithaba tsa Drakensberg.

    Go dira jaana ga kgaoganya Batlokwa tšhaba tse pedi. Setšhaba se segolo e ne e le sa ga Tshotetsi mme se sebotlana e le sa ga Motonosi. Batlokwa ba ga Tshotetsi ba ne ba bidiwa Batlokwa ba Mokgalong mme ba babotlana ba ga Motonosi ba bidiwa Bakgetseng. Kwa ntle ga kala tse pedi tse tsa Batlokwa go ne go le lephata le lengwe le bidiwa Malakeng, le le fa gare ga maphata a mabedi a.

    Fa Motonosi a sena go fuduga Tshotetsi, yo sa gagwe e neng e le go tlhabana le morafe mongwe le mongwe o o neng o le gaufi nae, a swa. Ka nako e ya loso lwa gagwe morwawe, Lebasa, o ne a sa le monnye thata go ka amogela puso mme Mamotlhalo, moswagadi wa ga Tshotetsi, a ipaya mo setilong sa puso go tshwarella morwawe go fitlhela a ka tshwara dinyaga tsa bonna. Mme bomonna Tshotetsi, Lekoka le Selemane, ba nna kgatlhancng le kgato e Mamotlhalo a neng a e tsaya ka ge ba ne ba eletsa go tseela morwa mogolo wa bone kgosi. Mamotlhalo le morwawe ba nna sego, ka Motonosi a ne a tsena kgang e mme a thusa Mamotlhalo le morwawe. Ke ka thuso le tshireletso ya ga Motonosi fa Lebasa a bile a busa setšhaba sa ga rraagwe.

    Mo khularong ya ga Lebasa bogosi ba Batlokwa ba Mokgalong bo ne ba amogelwa ke morwawe, Nkgatlhe. Le ge rraagwe a bonye bogosi ba gagwe ka Motonosi, Nkgatthe o ne a le kgatlhano le Batlokwa ba Kgetseng ba ba neng ba le ka fa tlase ga puso ya ga Motonosi.

    Motonosi o ne a setse a godile thata ge a swelwa ke morwawe yo mogolo yo o neng a bidiwa Montwedi. Loso lwa gagwe e ne e le loso lo lo botlhoko. O ne a swa ka tsela e: Go ne ga tshwarwa legodu, Motlokwa wa Mokgalong, le iphitlhile mo letlhakeng mme la tsisiwa fa pele ga Montwedi a ile letsholo le mephato ya gagwe kwa Dingalong. E rile fa letsholo le abilwe go dika, legodu la leka go tshaba. Mokgosi wa lla gore legodu le tshabile mme mephato ya tlogela go dika ya khukgela legodu mme Montwedi ka a ne a le lebelo go feta mephato ya gagwe a sia mephato mme a tshwara legodu a le nosi. Fa a tshwanetse go tshwara legodu, Montwedi a kgaogelwa ke setlhako, sa mo kgopa mme a wa botlhoko. Legodu la retologa ka pele, la somola lerumo mo selateng sa ga Montwedi mme la mmolaya ka lone.

    Ka sebopego se Montwedi ga a ka a busa setšhaba sa gabo. Mosadi wa gagwe, Ntlokgolo, e ne e le mosetsana wa Basia. Ngwana wa gagwe le mosadi yo o ne a bidiwa Mokotso. Ka nako ya loso lwa ga rraagwe, Mokotso o ne a sa le monnye mme ka tlwaelo ya Setswana, mosimanyana a godisiwa ke rangwanaagwe Montwetsana. Go lemotshega gore Ntlokgolo o ne a sa ikanye Montwetsana ka e rile morago ga loso lwa monna wa gagwe a tsaya ngwana wa gagwe mme a boela kwa ga gabo. O ne a isiwa teng ke mophato wa Montwedi, monna wa gagwe, mme mophato o wa nna nae kwa ga gabo sebaka sa nyaga tse tharo.

    Loso lwa ga Montwedi le ntse ka ngwaga wa 1800. E rile go sena go feta nyaga di le tharo Montwetsana a ntse a busa, Lebasa, kgosi ya Batlokwa ba Mokgalong, a mo tlhasela a ba a mmolaya mo ntweng. Mosadi wa ga Montwetsana. Mamare, a leka go ipaya mo setilong sa bogosi go se sirelletsa morwawe. Mophato wa ga Montwedi wa se ka wa rata go utlwa selo se mme wa eteletsa morwa mogolo wa bone ba mo tlhoma mo setilong sa bogosi ba ga rraagwe.

    Tiro e e ntse ka ngwaga wa 1803. Ngwaga o e ne e le ngwaga wa tlala e kgolo mo fatsheng leno la rona. Mo pading tlala e e itsiwe ka leina la Sekoboto. E ne e le ngwaga wa loso lo logolo. Ditshika tsa kgaogana, le magosi a latlhegelwa ke merafe. Mongwe le mongwe a bona ka fa a ka phelang ka teng. Bakeng la boleele ba komello e mo lefatsheng go ne go sa tlhole go na le mabele gope le ge e le maši kapo digwere tse di jewang. Batho ba koafala ba be ba sitwa ke go tsamaya. Batho ba bagolo ba sirnolla go abula jaaka bana ba masea.

    Go ne go se monna yo o kgonang go bapalla basadi ba gagwe le bana. ba gagwe. Ka baka le ba simolla go koba basadi ba bone ba babotlana, le bana ba bone go iponna tsela e ba ka phelang ka yone. Mokotso le ba ntlo ya gabo le ba bangwe go utlwala gore ba ne ba phela ka bogobe ba pube ba sebete. Sebete se ne se apeiwa, se omisiwe, mme se silwe boleta. Bogobe jo bo ne bo tlhadiiwa ka magi fa a ne a ka bonwa.

    Mokotso o ne a nyala motswalae, morwadia Mathaga, kgosi ya Basia. Leina la gagwe e ne e le Monyalwe; mme e ne e le mosetsana. yo montle thata ka gotlhe. E ne e le motho wa mmala o mosweu o o, ratwang ke Batlokwa thata ka ga bone e ne e le batho ba mmala o motsho. O ne a kgaba ka mefitshana ya tshipi e khibidu mo matsogong le mo molaleng.

    Ngwana wa gagwe wa ntlha o ne a bidiwa Nthatise mme ka tlwaelo mosadi yo a bidiwa Manthatise. Mosadi yo, Manthatise, ke ene re utlwang ka ga gagwe mo go yone bukana e. E ka bo e ne e le go tlola molao le tlwaelo go mmitsa ka leina le sele kwa ntle ga la ngwana. Morafe wa gagwe o ne o mmitsa Mosadinyana, kgosi ya mosadi. Ka ngwaga wa 1804 o ne a tshola ngwana wa mosimane a bidiwa Sekonyela. Ngwana yo jaaka rraagwe o ne a godisiwa ke ba gabomogolo Basia. E ne e le ka baka la ga raagwe a sa ikanye ba gabo mme ngwana a tlosiwa mo gabo bosigo a isiwa kwa ga gabomogolo.

    Ka sone baka se Motonosi a swa. Bakeng la botsofe o ne a sa bolo go tlogela puso a nna kwa Putse le mongwe wa basadi ba gagwe ba ba botlana. O ne a bolokwa kwa Nkwe, gaufi le bomorwawe, Montwedi le Montwetsana, ba ba neng ba swa pele ga rraabo. Mmogo le mabitla a bone go ne go le mabitla a ga Sebedi le Sebedinyana le Makoro. Motonosi ke ene mothai wa kala e ya Batlokwa ba Kgetseng. Le fa e ne e le setšhaba se sebotlana se ne sa tswa setšhaba se sengwe se se itsegeng sa merafe ya Batlokwa. 0 ne a le senatla, a tshabega, a ikanyega, le gone e le motlhabani wa batlhabani. 0 ne a rata bana ka mokgwa o o gakgamatsang. Ke bone ba e neng e le balekane ba gagwe mo metlheng ya kagiso.

    Dikgosi tsa Batlokwa di ne di na le ngaka e kgolo e bidiwa Mokolokolo, e e neng e itse go alafa malwetse a mantsi go feta dingaka tse dingwe. E ne e le ene moitsediphiri tse tsotlhe ka ga melemo yotlhe e kgosi Marutle a neng a e amogela mo dingakeng tse dintsi tse di neng di tswa kgakala. E ne e le tiro ya ga Mokolokolo go fitlha botlhe ba ntlo ya borena. Tuelo ya gagwe e ne e le tlhogo le letlalo la kgomo ya mogoga. Phitlho ya bofelo e Mokolokolo a e dirileng ke ya ga Motonosi. Fa thoko ga lebitla la ga Motonosi o ne a tswa mo tirong ya gagwe ka mantswe a: "Kajeno ke tsofetse, atamelang, le bone mokgwa o baswi ba ladiwang mo lebitleng ka one ka molao wa ga Sebedi gore le se t1hole le nkopa go fitlha baswi."

    Fa morago ga loso lwa ga Motonosi Mokotso o ne a huduga kwa Nkwe a ya Sefate. Go ne ga fallela go ene kala nngwe ya morafe wa Matlhobi ba ba neng ba tshwenyana le morafe mongwe o o neng o agile gaufi le bone. Kgosi ya bone e ne e le Tsholo. Mokotso o ne a ba baya fa gaufi le dithaba mme ba ntse ba ipusa. Ka ngwaga wa 1813 Mokotso a swa. Loso lwa gagwe e ne e le selo se se botlhoko mo Batlokweng. Morwawe o ne a sa le mmotlana thata go ka amogela bogosi. Poifo e ne e le gore go ne go le teng bangwe ba ba neng ba eletsa go itseela bogosi.

    Go ne go se bonolo mo go ope go dira jalo ka Manthatise, mosadi wa Mokotso, e ne e le mosadi wa senatla. Manthatise a tsaya puso boemong ba morwawe yo o neng a sa le mmotlana go ka busa. Ka puso e a dira tiro e e ka se kang ya lebalwa mo fatsheng leno la Afrika. Tiro ya gagwe e ne e ka tlaletsa banna ba bantsi. O ne a sa le moša. Le fa go ntse jalo a busa morafe wa gagwe ka puso e e gagametseng. La bofelo batho ba gagwe ba mo rata ka rato le legolo mme a nna le thoriso e kgolo mo merafeng yot1he e e gaufi le e e kgakala. Polelo ya Setswana ya re: "Mmamosimane ga a nyalwe", ke gore motlholagadi wa kgosi ga a nyalwe. Manthatise ga a ka a nyalwa gape fela o ne a letlelela monna Mokotso, go tsena mo tlung ya gagwe. Ka kgolagano ya gagwe le Malope o ne a tshola ngwana wa mosetsana.

    Batlokwa ba ne ba itsiwe ka bogale ba bone. Ka 1817 Manthatise o ne a romela dira go t1hasela morafe wa Matlhobi o o neng o busiwa ke kgosi Swedi. Fa morago ga ntwa le polao e kgolo ya Matlhobi ba ga Manthatise ba gapa dikgomo tse dintsi. Phenyo e e ne ya godisa leina la ga Manthatise go feta pele. Fa morago, ge morafe wa Matlhobi o t1hasetswe ke Pakadita le Umthimkhulu ba Bongane wa tshabela kwa go Manthatise a o amogela ka boitumelo bo bogolo. Kgosi ya Matlhobi, Motshodi, o gorogile mo Batlokweng ka 1818, a na le batho ba ba fetang dikete tse pedi. Manthatise a ba amogela mme a ba baya mo mokgatsheng o montle ka fa bophirimatsatsi ga dithaba tsa Drakensberg.

    Mo ngwageng wa nt1ha Matlhobi le ba ga Manthatise ba ne ba phela sentle mmogo. Fa morago Motshodi a dira sengwe se se galefisitseng Manthatise. Jaaka a ne a le ka fa tlase ga Batlokwa o ne a tshwanela go ya kwa kgosing ya Batlokwa ka sebaka le sebaka go dumedisa mme ka tlwaelo le molao o ne a sa tlhokege go itlela dijo tse a di jang ge a le kwa Tlokweng. Dijo tsotlhe o ne a di fiwa teng ke kgosi ya Batlokwa. Ka letsatsi lengwe ga lemogwa gore Motshodi ga a ka a ja dijo tsa Batlokwa ka a ne a itletse dijo tsa gagwe gonne a ne a tshaba go ka jesiwa dinama tsa phologolo e e neng e t1habilwe go ntshetsa Mokotso setlhabelo. Selo se sa kgopisa Manthatise le Batlokwa ba gagwe.

    Fa morago ga sebakanyana Motshodi ka a lapisitswe ke go busiwa a itshupetsa Batlokwa gore ga a t1hole a batla go nna ka fa tlase ga kokamelo ya kgosi e nngwe. Batlokwa ge ba lemoga. selo se ba lokisa nako ya go mo naya kotlo ka yone ka ge a ne a sa ikanyege. E ne e le nako ya mokete o mogolo wa merupo go ikaeletswe gore o tla otliwa morago ga mokete. Mo gare ga mokete oo ga nna phapaano e e neng e tshwanetse go baakanngwa pele ga Motshodi a newa kotlo.

    Manthatise o ne a sa dumele gore morwawe, Sekonyela, a bolle le basimane ba ba neng ba tshwanetse go gweriswa ka yone nako eo. O ne a sa ikanye Segalagala, rangwanea morwawe, a belaela gore a ka mo tsisetsa loso ka leano mo tirong tse bogwera bo tshwanetseng go fetisiwa ka tsone. 0 ne a eletsa gore morwawe a ye go rupisiwa kwa ga gabomogolo. Monna wa gagwe 0 ne a mmoleletse ge a sa ikanye Moepi le Segalagala, bomorwarraagwe ba mosadi wa bobedi. Le fa go ntse jalo Segalagala a be a kgona go thobisetsa mosimane Sekonyela kwa bogwereng kwa ntle ga kitso ya ga mmaagwe. Manthatise fa a utlwa a dira gore mosimarne a busiwe a ise a gwerisiwe mme a mo romela kwa go kgaitsadie, Letlala, gore a mo rupise. Baka la ge a ntshitswe mo mophatong wa Batlokwa Sekonyela a bidiwa Lentsha mme mophato wa gagwe wa bidiwa Mantsha.

    Batlokwa ba ngongorega thata fa morena wa bone a ka rupisediwa kwa setšhabeng se sele mme a thaiwa ka lonaka lo sele. Le fa go ntse jalo Manthatise a se ka a busa mogopolo wa gagwe mme Sekonyela a be a rupisediwa kwa ga gabomogolo, ka fa dase ga tebello ya ga malomaagwe, Letlala. Segalagala a t1ala bogale, a leka go dira khuduego e tona mo motseng. Ge a bona go palega a ya kwa go Nkgatlhe, kgosi ya Batlokwa ba Mokgalong, gore a mo thuse mo kgannye ya gagwe le Manthatise. Nkgatlhe a tsena mo kgannye go thusa Segalagala mme Manthatise a se ka a kgonega.

    Segalagala, ka molao wa Setswana, o ne a tshwanetse go ya go agela morwa mogolwe setlaagana se a rupisediwang mo go sone. Go ya go rema matlhaku o ne a ya mme a gana go a isa kwa go Letlala go aga setlaagana. Letlala a gana go tsava matlhaku ka a ne a boifa gore Segalagala o dirile sengwe mo go one go loa ba ba tla sebetsang ka one.

    Fa morago ga kgwedi tse tharo Sekonyela a aloga mme a boela ga gabo ke gone fa Manthatise a bona sebaka sa go dira le Motshodi ka fa borukutlhing ba gagwe. Fa Manthatise a santse a ipaakanyetsa go t1hasela Motshodi Sekonyela a tsaya mophato wa gagwe wa Mantsha a ya go t1hasela Motshodi. Go ne go sa le phakela ka nako ya dikgakologo fa Sekonyela a tsena kwa motseng wa ga Motshodi. Ka e le tlwaelo ya kgosi le banna ba motse Motshodi o ne a le kwa kgotleng, a nnetse mollo fa Sekonyela le mophato wa gagwe a goroga. Motshodi o ne a sa gopole sepe ka ga ntwa mme ene le banna ba gagwe ba sa tshola ditlhabano dipe. Sekonyela a itatlhela mo godimo ga Motshodi a mmolaya mme mophato wa gagwe wa bolaya banna ba botlhe ba ba neng ba na le kgosi.

    Motshodi o ne a apere mfiri wa tshipi mo molaleng. Sekonyela a mo tlosa tlhogo go tsaya mfiri o go nna tshupo ya bogale ba gagwe. Fa Sekonyela a tlhatswa lerumo la gagwe mo mading a ga Motshodi mophato wa gagwe wa bo o tshwere, o bolaya mongwe le mongwe yo o fa gaufi, le go phutha dikgomo. Bontsi ba batho ba tshabela kwa go ba ga bone, Matlhobi a ga Umzinyathe, kwa mosadi wa ga Motshodi a neng a le gone.
















Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com