Temothuo
Batswana ke batho ba e sa leng ba rata go lema le go Rua go tswa kwa ga lowe.
TEMO
Di kuno tse ga ntsi di neng di lemiwa ke
Mabele, Mmidi, Dinawa, Magapu, Ntšhwe, Maphutshe, Makgomane, Maowane, Makatane
Di kuno tse ga ntsi di neng di lemiwa ke
-
Mabele ke sejo kgotsa kuno e e tona e e lemiwang mo Batswaneng fa a bokiwa gatwe ke
Mabele ma belega Batho se se bontsha ka mokgwa o a tlotliwang ka teng. Ga gona tiro
epe ya Batswana tota, e e ka nnang go sa apeiwa bogobe jwa mabele, ebile ga gona mogolo ope
wa Motswana o ke kileng ka kopana le ena a sa je mabele, mme fela bangwe ba katswa ba le teng.
Ga ntsi fa o le Motswana o re ga o je mabele, batho ba go rotolela matlho ka makalo. Selo
sengwe se botlhokwa ka mabele e bile se sa tlhokege mo tirong ya Setswana ke bojalwa. Bojalwa
bone bo dirwa ka mabele fela, Motswana o ne a itirela momela ka go utela mabele a a kolobisitse
mme morago ga matsatsi a ka nna mararo, fa a re a a mela kgotsa go na go tlhoga, a ntshiwe gore
a omisiwe morago a setliwe/thugiwe go dira momela. Le fa e le gore gompieno go tswakanngwa le
bupi jwa mmidi/mmopo ke raya (phalešhe - le fa ke sa itse gore ke lereo le le siameng).
se se bontsha botlhokwa jwa mabele. Tota tiro ya Setswana fa e feletse, mo dijong
e tlhoka mabele (go apaya bogobe le bojalwa) le kgomo
-
Mmidi/mmopo le o na ke kuno e e botlhokwa jaaka mabele. Dilo tse dintsi tse o di dirang ka
mabele o ka di dira ka mmidi. Le fa e le gore bakwadi ba maloba ba bua fa mmidi o tlile
ka Bapotokisi mo Aforika Borwa, le o na o botlhokwa thata mo temothuong ya Batswana. Jaaka
mabele, o ka dira momela ka mmidi mme wa apaya bojalwa. Go mefuta e le mebedi e e tlwaelegile
ya mmidi, ke o mošhibidu o gantsi o jewang ka go o besa le go o apaya ka metsi o sa photliwa
mo seakong, le go apaya kabu, dikgobe le mohubiswane, ga mmogo le go fepa dikgogo. Fa o bona
mmidi o mošhibidu o direle bopi o itse gore leuba le tlhasetse. Mmidi o mosweu o dira
bopi/phaleshe thata mme fela ka bobedi e dira sengwe le sengwe se se tshwanang.
-
Dinawa di botlhokwa thata ka go re, re a dija ka bo tsona, e bile reja le morogo. Go na
le mefuta e le me ntsi ya dinawa tsa Setswana, jaaka:
3.1 tse e leng go re morogo wa tsona o a jewa.
3.1.1. Mae a tsilwane: Di marabantha a ma setlha.
3.1.2. Kgopo la nare: Di di tshweu ka mmala.
3.1.3. Motludi ga a tshwane / Mokanto: Ke dinawa tse di nnye di di tshweu ka mmala e
e be di nna letlhogo e ntsho.
3.2 Tse di jewang fe la di se na morogo ke:
3.2.1. Letlhodi:
3.2.2. Ditloo:
3.2.3. Dipuupuu:
- Magapu:
- Ntšhwe:
- Maphutshe:
- Makgomane: o le apaya ka metsi o le kgaogantse ka bogare.
- Maowane: Go mefuta e mebedi ya maowane, go na le le bidiwang la letlhwa.
o ka le kgaoganya wa le omeletsa wa dira lengangale
- Makatane:.
DIJO
Mosutlhane: Mabele a a thugilweng a be a feferwa a ntshiwa moroko e be o apaya
Lefatana: Mabele a a apeiwang a sa thugiwa aphuthilwe fela o ka tsenya dinawa
Lefatana la Mmopo: Mmidi o o sathugiwang o ka nna wa o tsenya dinawa
Mosokwane wa mabele
Mohubiswane
Kabu
Ditshetsheta/bose
Bogobe Jwa ting:
Merogo:
merogo ya naga: Thepe, Rotho, Lešhwe, Mmabašhete, Mothukwi,
Ditsukubere/dithamme
MAUNGO A NAGA
Mmupudu, Motlhatswa, Moretlwa, Mogorwagorwana, Seretologa (sa kgomo le sa podi), Morula,
Mothwanye/Mmilo, Morutla, Mokgalo (go na le o o sukiri le o o botlha), Mokgwerekgwere, Moimo, Moshabele,
Motšhotlhane, Mogodire, Modutu, Morobe (o moshibidu o mo sesane), Moopakoma,
BOJALWA
Momela: otshela mabele mo metsing matsatsi a mabedi tsatsi la boraro o a a ntsha,
o a beya gore a tswe metsi o bo o a tshela monkgwaneng gongwe mopotong kgotsa mo kgetseng
o a khurumele/piba ka di kgetse tse dingwe matsatsi a ka nna mararo fa o a tlhola o fitlhela
a medile ke o na momela. Otlabo o a antsha o a anega fa a omile o a sila ka le lwala a thuga o ka Kika
o a dira pubi e tlaabo ele momela o ka dira Bojalwa.
Fa o dira bojalwa o tsaya mabele a a santshiwang moroko (Phate) wa a sila ka le lwala e nna
bupi o be o a tshela Metsi a a belang o a fuduwa, fa a sena go fola o a futswela ka metsi
o bo o a tlhakanya le momela o fuduwa o be o khurumela ke fa o dira ting ya mogetlo. selekanyo
sa momela le bupi ke 1/1 mme fa o dira jo b gogobisang ka mangole o ka oketsa momela wa gago fa o
dira ting. Fa ting ya gago e sokodisa go bela o e latlhela momela kefa o e rodisa go re e bele.
Fa ting ya gago e bedile mo letsatsing la bobedi o apaya mogetlo, mogetlo wa gago fa o butswa o a
o fodisa o o tshele mo nkgong kgotsa mo tsageng o rarolose ka metsi go ya le gore mogetlo wa gago
o tshume gole ka na kang. O be o o tshela momela ke fa o omela o boa o o khurumela o o
e mela gore o bele, ga gontse jalo go bidiwa serobo. Fa go bela go bidiwa legwaana, jaanong
o ka nna wa tlhotlha ya nna Bojwala. Bojalwa jwa mabele mabelaga batho.
Ting ya bojalwa e tshelwa magala gore e seka ya gatega gongwe kalana ya mokgalo. o ka bua le yona ware otsoge
o seka wa emela ba ba gaufi le kgakala le ba ba tsamaileng re sa itse o seka wa ba emela o bele.
KHADI: Khadi e dirwa ka mana a dinotshe le seretse. Seretse ke modi wa setlhare
sa mothata. O tlhakanya mana a dinotshe le seretse o bo o di titiela ka metsi a a bothito
THUO
Dikgomo, dipodi, dinku le dikgogo ke diruiwa tse di botlhokwa thata mo
Batswaneng
- Kgomo: Phologolo e e botlhokwa thata ka gore fa o lebelela ga gona sepe se se latlhiwang mo go
yona. Sengwe le sengwe mo kgomong se na le mosola fa e phela le fa e sule. kgomo ke banka ya Motswana,
bogologolo Batswana ba ne ba e tlotlile thata ka e ne e ba thusa mo botshelong. Ka moo ba ne ba e bitsa Modimo o
nko e metsi, le fa o lebelela mo dianeng go ne go na le diane tse dintsi tse di buang ka Kgomo. Kgomo fa e santse e phela
e golegiwa fa go lemiwa, go ya nokeng ka selei, go goga kolotsana ya kgotokgoto jaaka sepalangwa. Fa o ntse o e
tlhokometse e a tsala lesaka le tlale. Maswi a kgomo a botlhokwa thata, re ja bogobe ka ona, re a nwa, re nwa
mogodungwana ka ona, re dira madila. Boloko jwa kgomo bodirisiwa go kgapha fa fatshe bo tlhakantswe le mmu le fa go
bopelwa, fa bo omeletse bo dirisiwa go besa molelo fa go apeiwa, mme fa bo omeletse bo thugegile bo le motshotelo
bo tshelwa mo tshingwaneng ya dijwalo. Kwa mafatsheng a mose jaaka China ba titiela boloko ba bo khurumetse
mme bo ntshe Gase e e tshubang molelo go apaya. Dikgomo di dirisiwa go ntsha magadi fa o nyala gongwe go
rekolola sefane sa ngwana yo o sa nyalang mmaagwe, go duela kgotsa go ananya fa o tlhoka sengwe le go leboga ngaka
fa e sena go tshwara motse wa gago, le go leboga modisa yo o di tlhokometseng, le fa motho a ne adirile molato o ne a
atlholwa kgomo ka go ne go sena dikgolegelo.
Kgomo fa e sule gongwe e tlhabilwe e santse e le botlhokwa thata. Re simolola ka go ja nama, letlalo la yona le ne le
dirisiwa ka nako ya fa go tlhagile leso go phuthwa moswi mme a bolokwe ka lona, le dirisiwa gape go nna phate, diaparo
le dikobo fa le sugilwe. Letlalo le dira gape thebe, moropa, ditlhako, le dikgole, gape le a fadiwa go ntshiwe makukana.
Boboko bo tshasiwa mo matlalong fa a sugiwa, dinaka di dira phala kgotsa lepatata, fa ngaka e fetsa go tshwara lelapa e ne
e le tlogelela molemo e o tsentse mo lenakeng. Mafura a dira tsholo fa e le marapo a ne a setlhwe go nna dinakana tsa motsoko
le go betliwa go dira mekgothi ya diditsi le ya dithipa. Moswang o ne o dirisiwa go kopanya batho ba ba tlhoaneng ba
sa utlwane.
Modisa
Dikgomo fa o di disitse o a diphukisa mo mosong, o boe mo
Dirwe tsa kgomo.
|