Leboko la Bangwaketse

Kwa ntsweng la Kanye.
Go bokile rre Sebeelo wa ga Dikgageng.
Ka o bokile banna Maisantwa.
O bokile banna maisa-mmele go tlhajwa.
Motlhang ga a ne a leba Tirwane, Maisantwa.
Matlotlakgang one a leba Mogajane.

Bao ke batho ba ga Maila-go-bebela.
Batho ba ga. Matshaba-le-kgomo.
Matlogela-temo e ntse sefolela.
Nnaare ba tshaba le kgomo ba gopotse kae?
Ke batho ba abo heyana-a-heya.
Batho ba ga phešwana ya moswagadi.
E e tshwarwang ka lesoko le phela.
Mme fa o tlhokile lesoko le phela.
Kana ga o ka ke wa ba wa e tshwara.



  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Merafe le dikgosi tsa maloba

| Bahurutshe | Bakwena | Bafokeng | Bakgatla | Barolong | Bangwaketse | Balete |
| Batlhaping | Batawana | Batlokwa | Bangwato | Batlhako | Batlhware | Baphuting |
| Barokologadi | Baphiri | Bataung | Bakubung | Baphalane | Batsatsing | Batlharo |

BANGWAKETSE

bangwaketse Bogosi ba ga Masilo
Kgosi ya Jaanong: Kgosi SEEPAPITSO IV [Seepapitso Bathoen Gaseitsiwe] 1969/1973
1650 Morafe wa baKwęna baNgwaketse o simolola.
1750 baKwęna baNgwaketse ba iponna le felo bonno ba leruri.

Tatelano ya bogosi
.... - .... Leema
.... - .... Khutwe
.... - .... Khutwane
1750 - 1770 Mongala a Makaba I (d. 1770)
1770 - 1790 Moleta a Mongala
1790 - 1817 Makaba II a Moleta "Rramaomana" (b. c.1760 - d. 1824)

- Ba kgaogana ka ditlhopha tse pedi ka 1817 ba boa ba kopana ka 1857
(1)
1817 - 1824 Makaba II a Moleta "Rramaomana" (s.a.) 1760 - 1824
1824 - 1844 Sebęgô a Makaba (tshwareletse) (b. c.1795 - d. 1844)
1844 - 1857 Senthufe a Sebęgô (d. 1885)
(2)
1817 - 1823 Tshosa a Makaba (d. 1823)
1823 - 1845 Segotshane a Makaba (tshwareletse) (d. 1885)
1845 - 1857 Gaseitsiwe a Tshosa (b. 1810/20 - d. 1889 ko Kanye)

- Ba ne ba kopana ka 1857 -

1857 - Phukwi 1889 Gaseitsiwe a Tshosa (s.a.)
1889 - 01 Phukwi 1910 Bathoen I a Gaseitsiwe (b. 1845 - d. 01 Phukwi 1910)
1910 - 1916 Seępapitsô III a Bathoen (b. 1884 - d. 1916)
1916 - 1918 Kgosimotse a Gaseitsiwe (Tshwareletse) (d. 1918)
1918 - 1919 Malope a Makaba (Tshwareletse) (d. 1919)
1919 - 1923 Tshosa Sebęgô a Keemanao (Tshwareletse)
1923 - 1924 Gagoangwe a Setshele (mme) (Tshwareletse) (b. 1848 - d. 1924)
1924 - 1928 Ntebogang a Bathoen (mme) (Tshwareletse) (b. 1882 - d. 1979)
1928 - 1 Jul 1969 Bathoen II a Seępapitsô (b. 1908? - d. 1969)
(Bathoen Seepapitso Gaseitsiwe)
16 Jan 1970 - 1973 Seępapitsô IV a Bathoen (La ntlha)
(Seepapitso Bathoen Gaseitsiwe)
1973 - 19.. Mookgami a Seępapitsô (Tshwareletse)
(Mookgami Gaseitsiwe)
19.. - Seępapitsô IV a Bathoen (La bobedi)
(Seepapitso Bathoen Gaseitsiwe)
2000 - 22 Apr 2003 Seatla Gaseitsiwe (Tshwareletse) (d. 2003)
2003 - 1 Sep 2004 Kgabosetso II Mosielele (Tshwareletse)




Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com