Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

MMINO WA SETSWANA

Mefuta ya mmino wa Setswana

TSUTSUBE, PHATISE, HOSANA, HURU, SETAPA SA DIPHATE LE MMAMARUTLE.

Mmino wa Setswana fela jaaka mmino wa ditso tse dingwe, Ke sekgantshwane, ebile ke sekao sa Setshaba sa Setswana. O farologane ka mokgwa o o diragadiwang ka teng. bogolojang fa re lebile dikao tsa ditso tse dingwe mo Aforika. Didiriswa tsa teng ga se tsa manobonobo mme di natifisa pina thata, jaaka mokgwa wa go opa diatla, Matlhoa le diphala. Molodi wa pina ya Setswana o supa gore Batswana ke bo mang le gore Botshelo jwa bona bo ntse jang. Mo mminong go bonala Boitumelo, Kutlobotlhoko, Metshameko, kalafi, Kaloso le ditiro tse di amanang le setso tse di dirwang ngwaga le ngwaga jaaka go rapelela Pula le ka nako ya thobo.

Mefuta ya Mmino

Tsutsube

Tsutsube ke mmino o ka bonwang mo dikgaolong tsa Botswana mo go nnang teng Basarwa le Bakgalagadi. Gantsi le kgaolo tsa bogareng le bokone bophirima.

Phatise

Phatise ke mmino o o tlholegang mo merafeng ya Bangwaketse le Bakwena. O tumile thata kwa Bokwena e bile o binwa thata ke bo rre. Bothakga jwa o na botswa mo go tswakatswakannyeng Maoto, mo go bidiwang morabaraba. Kana morabaraba ke motshameko wa Setswana o o nang le matswakabele.

Hosana

Hosana ke mmino o o binwang thata ke Bakalaka, o binwa fa go rapelelwa pula. Fa o binwa go aparwa bontsho le bosweu. Bontsho bo supa maru a mantsho a pula, fa bosweu bo supa gona ga pula kgotsa metsi.

Huru

Huru ke mmino wa se ka motshameko wa basimane, o tlwaelegile thata mo morafeng wa Basarwa ba ba nnang kwa kgaolong ya Gantsi. Ba bine ba etsisa diphologolo fa ba o bina.

Setapa sa diphate

Setapa sa diphate ke mofuta wa setapa o o tlwaelegileng kwa Ngwaketse. Se bidiwa sa diphate ka go re bogologolo se ne se dirisediwa matlalo e seng matlhoa jaaka gompieno. Ke mmino o o biniwang ke borre. Bo mme ba ka bina fela fa borre ba ba tsaya ba ba binisa, mme le gale fa bo rre ba tswelela ka go bina, ba itlhokomodisa bo mme, bo mme ba ka tsena fela fa pele ga bona ba theta, go dira jalo go bidiwa konkomi, ka gore ba be ba ba konkometsa mme go sa re e sepe. Ka na gatwe konkomi ka fa morago ka fa pele kgomo di a tswa.

Mmamarutle

Mmamarutle ke mmino o o fitlhelwang thata mo Lehurutshe, o binwa fa go robiwa.

Ditlhopa tsa Setso sa Setswana tse di gatisitseng

1. Maletangwao Cultural Troupe Montshiwa (Mafikeng)
2. Mosekaphofu Cultural Mull Lorolwaneng (Mafikeng)
3. MmaAusi Montshiwa ( Mafikeng)
4. Mebala Lotlhakane (Mafikeng)
5. Tswelelang Traditional Group Logageng (Mafikeng)
6. Serankure Marimba Lotlamoreng (Mafikeng)
7. Serake Traditional Groupe Serake (Lehurutshe)
8. Bana Ba Kgwale Borakalalo (Lehurutshe)
9. Mma Mpelegele Ngwana Bapong (Rustenburg)
10. Maipela Ka Ngwao Jobetina ( Klerkdrop )
11. Vision Youth Jobetina ( Klerkdrop)
12. Kopano Ke Matla Jobetina ( Klerkdrop)
13. Thaga Tsa Ga Mme Halenyane Sekhing ( Taung)
14. Mahube Lokaleng ( Taung)
15. Seramphetshane Unit 2 (Mogwase)
16. Ngwao ya Tshona Batlharos ( Kuruman)
17. Ba Ga Phadima MaMmebe ( Kuruman)
18. Dialogane Tsa Tlhaping Magwagwe ( Kuruman)
19. Dinkwe tsa Phuduhudu Dithakong ( Kuruman)
20. Serantlhatlha Ganyesa (Ganyesa)
21. Ngwao Boswa Kudunkgwane ( Ganyesa)
22. Olebogeng Babuseng Seoding ( Taung )









Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com