Kgang e e sa tlhotlhiwang gotswa mo: BUKA YA GO BUISA Std. V le VI.
Kgatiso ya Lesome 1965
Mokwadi: P. LESEJANE
tsebe 28-30
Baphoting ke kala ya bobedi ya Bakgatla. Ba, e rile go tloga, ba leba kwa botlhabatsatsi mme ba thibella mo meolwaneng
ya lefatshe le le bidiwang Swaziland. Felo fa go ne go tletse diphoti mme ba fetola seano sa bone ba ipitsa Baphoting. Fa ga.
ba a ka ba nna sebaka se seleele. Maswazi a ba bitsa Basotho jaaka Bapedi ka gore ba ne ba tswala. ka mogkwa o le
mongwe le Bapedi. Go tloga fa ba hudugela ntlheng ya borwa go fitthela. ba tsena kwa nokeng ya Thugela. Fa ba kgatlhana
le Matlhubi. Fa ba bona go se na kagiso fa gare ga bone le Matlhubi Baphoting ba hudugela kwa bophirimatsatsi. Fa ba
sena go tlolela ka dithaba tsa Drakensberg ba feta ba thibella fa thoko ga noka ya Namagadi fa gaufi le felo fa go bidiwang
Witsi's Hoek, mo Orange Free State. Fa ba fitlhelwa ke morafe o o bidiwang Masisi a ga Tlamini. Mme ba aga mmogo.
Morago ga sebaka Masisi a huduga. Ba ne ba setse ba bidiwa Baphoti ka ge ba ne ba tsere seano sa photi. Go tloga fa
Baphoti le bone ba tshetse noka e tshetlha mme ba thibella gaufi le fa motse wa Heidelberg o leng teng kajeno. Fa ba
fitlhela Bafokeng ba ikgaogantse ka metse le metsana felong foo. Le ge ekete Baphoting ba ne ba ntsifetse go feta
Bafokeng ba ntse ba kaya Bafokeng jaaka beng ba bone mme ba se ka ba ba tshwenya, le gone ba ipitsa batlhanka ba
bone. Se ga se makatse gonne gongwe le gongwe kwa Bafokeng ba neng ba le teng ba ne ba tlotlega. Ba ne ba sa amogela
maerno a ka. ntwa le phenyo mme e le ka botlhale le tlhaloganyo.
Kgosi ya Bafokeng, e Baphoting ba ileng ba itatlhela mo go yone, e ne e bidiwa Keketsi mme Mathula, kgosi
ya Baphoting, a nyala morwadia Keketsi. Keketsi o ne a kgatlhwa ke go nna fela ka jaana a rolela tiro e kgolo ya motse wa
gagwe mo diatleng tsa ga mokgwanyane wa gagwe Mathula. Ke ene a neng a atlhola dikgetse tsa motse mme Keketsi a
itumelela dikatlholo tsa gagwe. E rile ka sebaka se sekhutshwane puso ya be e setse e le mo diatleng tsa Kgosi ya Baphoting.
Morwa Mathula o ne a na le ngwana a bidiwa Motshwane1. Ke ene yo o neng a nna kgosi ya Baphoting. O ne a na le bana
ba le bantsi. Fa morago ga loso Iwa gagwe, fa gare ga dinyaga tsa 1700 le 1800, go ne ga nna khuduego e kgolo mo
motseng bakeng sa bogosi. Ngwana wa gagwe, Kgwase, o ne a baka setilo le mogolowe Maketela. Yo mongwe le yo
mongwe wa bone o ne a na le bontsi ba batho ba ba mo setseng morago mme ga tsoga ntwa fa gare ga karolo tse pedi tse
tsa morafe wa Baphoting. Kgwase o ne a fenya mogolowe mme a mo koba go ya a be a tsena kwa fatsheng la Bataung.
Bataung ba leka go sireletsa Maketela mme Kgwase a ba phatlalatsa mme a nna kgosi ya Baphoting.
Ga re utlwe sepe ka ga motlha o Baphoting ba neng ba busiwa ke Motlhagodi, morwa Kgwase, ka one, le Motshwane II,
morwa Motlhagodi; mme re bowa re utlwa ka ga puso ya ga Keketsi, morwa Motshwane II. E ne e le motlhabani yo
mogolo; ka jalo a bidiwa Legogoretsa mme a kaiwa mongwe wa dikgosi tse dikgolo tsa metlheng eo. Go ne go na le puo e
e reng fa dira tsa gagwe di fetileng teng bojang ga bo tlhole bo tlhoga bakeng sa bontsi ba batthabani ba gagwe. Morafe wa
gagwe o ne wa ntsifadiwa ke merafe e mentsi e e neng ya mo fallela jaaka Batlhakwana ba ba neng ba agile gaufi le setšhaba
sa gagwe mme la bofelo ba tsena mo go bone ba fetoga karolo ya setšhaba sa bone.
Mongwe wa borangwane wa Keketsi, yo o neng a bidiwa Tshwane, o kile a tlhasela Bataung a ba gapela dikgomo. Go
lemotshega gore o ne a dira jalo kwa ntle ga kitso ya morena wa gagwe ka gore e rile fa morago Bataung ba mo tlhasela
morena wa gagwe a se ka a mo thusa.
Go ne ga diragala jaana: Tshwane ka e ne e le kgosi mme a na le batho ba bantsi ka fa tlase ga puso ya gagwe a etelwa ke
Mophethe, kgosi ya Bataung, a na le batlhanka ba le babedi fela. E rile ba tsere kgang le Tshwane kgosi Mophethe a bolela
ka ga bohumi ba morafe wa gagwe mme go dira jaana a hudua keletso ya ga Tshwane go ka ikhumisa ka go gapa dikgomo
tsa Bataung.
E rile fa morena Mophethe a boela kwa motseng wa gagwe Tshwane a dira jaaka ekete o a mmuledisa mme ya re mo
tseleng a tshwara kgosi Mophehte le batlhanka ba gagwe mme a ba dira, digolegwa mme a romela mophato go ya go gapa
dikgomo tsa Bataung. E ne ya nna kgapo e kgolo, gonne Baphoting ba ne ba gapa dikgomo tsa Bataung go sa itse ope.
Kanyesi, mongwe wa batlhanka ba ga Mophethe ba. ba neng ba. golegilwe nae, a tswa mo kgolegong ka go thoba mme a
feta a tlhaba mokgosi gore kgorno di ile.
Fa Moletsane, morwa Mophethe, a amogela dikgang tsa kgapo, ya dikgomo a kgobokanya mephato go ya go tlhabanna
dikgomo mme tsa be di setse di fetile. Fa kgosi Mophethe a sena go golologa. a feta a bolella morwawe Moletsane seo
Tshwane a neng a se mo dira. E rile Moletsane a utlwa se a phutha mephato ya gabo ya ntwa a bollela go tlhasela Tshwane
go le bosigo. Go ne ga nna polaano e e maswe, e e boitshegang, mme Bataung ba bolaya Baphoting ka polao e kgolo. Go ne
ga, bolawa Baphoting ba le makgolo a matlhano le masome a a supang; mme dikgomo tsa bowa.
Gape ga bo go le mongwe wa gabo Keketsi, kgosi ya Baphoting. Monna yo o ne a bidiwa Sekobotlane.O ne a itlhoisa ba
ga gabo ka go ba tseela. dikgomo. O ne a humile dikgomo thata mme a ntse a eletsa go ka phutha go feta foo. Fa dikgomo
dingwe di ka timella kwa bonnong ba gagwe a di tsee, a di bitse tsa gagwe nune a ganne mong wa tsone ka tsone.
Tse dintsi tsa tsone o ne a di tlhaba a di je mme e re beng ba tsone ba tla. ba di batla. a ba kobe ka bogale le dithogano.
Go ne go se motho yo o ka tshwarellang mokgwa o o bosula. o wa gagwe mme rangwan'agwe yo a neng a bidiwa Mafafa a
mo sekisa, a mo thukhutha leruo la gagwe mme a mo ntsha ka motse. A tshabela, kwa morafeng wa Maphetla.
|