Leboko la Bahurutshe

Mmamokgatiti wa lewa
Tshwene ke naiwa mmele
Makopong ga ke naiwe
Ke sirelediwa ke seriba.

Tshwene fa di ya masimo
Go eta tshwenegadi pele
Rotwe a sale kwa morago
A sale a di retolola.

Ke ne ke fudile ka tlatsa
Ka kgopiwa ka relela ka wa
Papalo tsa ya le maritse
Matlapa ‘etsho a borethe.

Tseo, ke tshwene tsa ga Malope-a-Masilo
Ba ga. Sebogodi-a-Menwe-a-Moilwa
Bana ba ntswe la Tswenyane.


  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Merafe le dikgosi tsa maloba

| Bahurutshe | Bakwena | Bafokeng | Bakgatla | Barolong | Bangwaketse | Balete|
| Batlhaping | Batawana | Batlokwa | Bangwato | Batlhako | Batlhware | Baphuting |
| Barokologadi | Baphiri | Bataung | Bakubung | Baphalane | Batsatsing | Batlharo |

BAHURUTSHE

BAHURUTSHE Go ya ka hisetori le bakwadi ba bangwe Merafe ya Batswana e tswa mo Bahurutsheng mme kganetsano ke gore fa merafe ya Batswana e tsamaya e kgaogana Bahurutshe le bona e ne ele karolo ya kgaogano fela jaaka maphata a mangwe. Bahurutshe le Barolong ke bangwe ba Merafe e metona ya Batswana. Fa Batswana ba fitlha mo borwa ba Aforika ba ne bantse batsamaya ba kgaogana ka ntlha ya dintwa, go lwelwa bogosi, gantsi e ne ele magareng ga bana ba mpa. Magareng ga ngwaga ya 1400 le 1500, morago ga loso la ga kgosi Malope, morwaadiagwe e bong Mohurutshe wa ntlo e tona o ne a tshwanetse go tsena mo bogosing. Batho bangwe bane ba rata gore morwarraagwe Kwena wa ntlo e nnye e nne ena kgosi. Ntwa e ne ele gore a Ngwana wa ntlo e tona le fa e le morwadi e nne ena kgosi gongwe bogosi e nne jwa Morwa le fa ele wa ntlo ya bobedi. Se sene sa tlhola ntwa le kgaogano. Mohurutshe o ne a pateletsega go tswa kwa Mabjanamatshwana a tsamaela ntlheng ya borwa le balatedi ba gagwe. Setlhopha se sengwe se ne sa sala Kwena Morago mme ba itsege jaaka Bakwena. Morago ga gore a ikele Badimong, barwa ba gagwe ba babedi Motebele le Motebejane ba fudugela le morafe kwa bokone bophirima jwa lefelo le itsegeng jaanong jaaka Witwatersrand.

(1) baHhurutshe (split before 1800 into two ruling lines)
1885 Incorporated into Cape Colony (Bechuanaland).
Kgôsi)
(1-1)
.... - .... Modisane a Phatshwane
.... - 1827 Motshwiri a Modisane
1827 - 1878 Mangope a Motshwiri
1878 - 1893 Kontle a Mangope
1893 - .... Mosielele a Kontle
.... - Hermann Mangope a Mosielele
(1-2) .... - .... Moilwa a Tirwê
.... - .... Dibetswe a Moilwa
.... - .... Sebogodi a Moilwa
.... - .... Diutlwileng a Moilwa
.... - .... Mokgatlha a Moilwa (Mosimanyane a Moilwa)
.... - .... Moilwa a Sebogodi (acting)

Split into baHhurutshe ba booMokgatlha and baHhurutshe bagaMoilwa:
(1-2-1) baHhurutshe ba booMokgatlha
.... - .... Mekgwê a Mokgatlha
.... - .... Senosi a Mekgwê
1874? Mooketsi a Senosi
18.. - 1889 Mokgatlha a Mooketsi
1889 - 1892 Lesomô a Mokgatlha
1892 - 24 Aug 1933 Thêbêyatlhaywa Mooketsi a Lesomô
21 Dec 1933 - Nôgê Mooketsi a Thebeyatlhaywa

(1-2-2) baHhurutshe bagaMoilwa
.... - .... Moilwa a Sebogodi
.... - Mar 1880 Gôpane a Menwê

Split into two ruling lines:
(1-2-2-1)
Mar 1880 - 24 Jun 1893 Moilwa Ikalafeng a Sebogodi
1894 - 1906 Israel Keobusitse Moilwa a Sebogodi (acting)
1906 - 17 Oct 1918 Abraham Pogiso Moilwa a Ikalafeng
1919 - 1932 Alfred Ramokhutshwane a Ikalafeng (acting)
1932 - Abraham Grant Ramotshere Pogiso Moilwa

(1-2-2-2)

Mar 1880 - 26 Sep 1904 Gôpane a Menwê
1904 - 1907 Tom Mokgatlha a Lentswe (acting)
1907 - 1919 Samuel Rampeile a Lentswe (1st time) (acting)
1919 - 18 Sep 1919 Kgaje David Menwê a Rrakgaje (acting)
1919 - 19 Oct 1920 Samuel Rampeile a Lentswe (2nd time) (acting)
1920 - 1921 Sulenyane -Administrator

Split into two ruling lines:
(7-2-2-2-1)

1921 - 1 Jun 1934 Jairus Yanjo a Gopane
2 Aug 1934 - 1938 Tom Gopane a Gopane (acting)
10 Nov 1938 - Alfred Ntlatsang Jairus Gôpane a Jairus
(1-2-2-2-2) baHhurutshe bagaLentswe

1921 - 1924 Kgaje David Menwê a Rrakgaje
Oct 1924 - 1939 Mpolokang Menwê a Rrakgaje
1939 - 3 Aug 1949 Henry Lentse a Mokgatlha (acting)
3 Aug 1949 - Edward Keleramang Ramokopane
Lentswe a Kgaje






Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com