Leboko la Bakwena

Kwa bogosing, kwa abo Kgari Setšhele-a-Motswasele
Go bokile rre Leatso
O bokile banna Mathubantwa
O bokile banna bo Kgomo-e-a-tlhaba
A ba a boka le ene Kgari a Motswasele
A re oo ke motlhakola o montsho
Wa ga Mmaseadingwane sa marumo a ntwa
Ke Magana, Mankga-nama
Mankga-nama di mafura



  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Merafe le dikgosi tsa maloba

| Bahurutshe | Bakwena | Bafokeng | Bakgatla | Barolong | Bangwaketse | Balete |
| Batlhaping | Batawana | Batlokwa | Bangwato | Batlhako | Batlhware | Baphuting |
| Barokologadi | Baphiri | Bataung | Bakubung | Baphalane | Batsatsing | Batlharo |

BAKWENA

Bakwena ba simolotse ka dingwaga tsa bo 1500 go ya ka bakwadi ba hesitori. Ba simolotse ba tswa mo Bahurutsheng morago ga ntwa ya bana ba ga Kgosi Malope e bong Mohurutshe morwadia Malope wa ntlha wa ntlo e tona le Kwena Morwa Malope wa ntlha wa ntlo ya bobedi. Ntwa e ene e le gore a bogosi botsewe ke ngwana wa ntlha wa ntlo e tona le fa e le mosetsana gongwe botsewe ke ngwana wa ntlha wa mosimane mo ntlong ya bobedi yo e neng e le Kwena. Ntwa e ne ya simolola magareng ga balatedi ba ga Mohurutshe le ba ga Kwena ke mo kgaogano e simolotseng teng fa ba ba neng ba sa la Kwena morago ba bidiwa baKwena. Morago ga losika lwa botlhano go ya ko go la bosupa Bakwena ba sena go kgaogana le Bahurutshe fa Mogopa e sa ntse e le kgosi, go ne ga nna lešekere le le golo. Go ne ga nna tlala e e boitshegang ka ngwaga tsa bo 1700 e e neng ya dira kgaogano e tona mo morafeng wa Bakwena. Bakwena ba ga Modibedi, Mogorosi, Bahlakwana, Bamonaheng, BaMokotedi le ba Makhoakhoa, ba ne ba tsamaela ntlheng ya borwa jwa noka ya Lekwa go ya Foreisetata, fa ba bangwe ba ne ba nna kwa Ntsuanatsatsi go bapa le Bafokeng.

Bakwena ba ba tsamaetseng ntlheng ya Borwa go feta Noka ya Lekwa ba ne ba ikopanya ba dira Bogosi jwa Lesotho. Bangwe ba Magosi a Bakwena jaaka baMoletse, baPhogole, le baPhalane ba ne ba tsamaela ntlheng ya botlhaba mme ba nna le bogosi jo bo itlhaotseng.

Kgosi Mogopa le Bakwena ba ba neng ba setse jaaka Bakwena ba Modimosana ba ne ba dira morafe wa Bakwena ba Botswana. Ba ne ba ya Mabjanamatshwana go bapa le Noka ya Odi mo ba neng ba aga motse wa Rathateng fa nokeng ya Madikwe e kopannang teng le ya Odi. Mogopa-Kwena o ne a boela kwa Mabjanamatshwana mo motseng wa Brits wa teransefala, mme morwarragwe Kgabo (2) o ne a seka a mosala morago e na a sala kwa Rathateng morago a Kgabaganya noka ya Madikwe le balatedi ba gagwe go ya Botswana. Bakwena ba ga Kgabo ba ne ba nna kwa Dithejwaneng mo bophirima jwa Molepolole wa Botswana. Kgosi Kgabo o ne a salwa morago ke Motshodi ngwana wa gagwe wa mosimane, le fa go sa itlhalose gore ke mang tota yo o ne a eteletse Kgabo-kwena pele fa ba ya Botswana bangwe bare ke Kgabo fa ba bangwe ba re ke Motshodi. Bakwena ba ne ba kgaogana gape kwa Molepolole, ya nna ba ga Ngwaketse ba ba itsegeng ka BaNgwaketse, le ba ga Ngwato ba ba itsegeng BaNgwato.

Bakwena baModimosana ba ne ba kgaogana ka dikala tse nne, ba ga Ramanela, Maaka, Mmatau le Matlhaku. Bakwena Bamodimosane Bammatau ba







baKWENA (Tribe) Kgosikgolo Bogosi ba ga Masilo Kgosi ya jaanong: Kgosikgolo KGARI III [Kgari Bonewamang Sechele] (2002/-)
O tsetswe ka 1973, designated Heir Apparent in 1978, O tlhomilwe ka Mopitlwe 2002.
Kgosikgolo KGARI III [Kgari Bonewamang Sechele] (qv)
Mohumagadi Gagoumakwe Sechele



baKwęna
1570 Tshimologo ya morafe wa baKwena.
1899 Bakwena reserve created.

Kgosi
.... - .... Tebele
c.1700 Kgabo II
.... - .... Masilo II
.... - 1770....Motshodi (...... - 1770)
1770 - 1785....Motswasele I a Lekgwajane (...... - 1785)
1785 - 1795....Seitlhamo a Motswasele (...... - 1795(
1795 - 1803....Legwale a Seitlhamo (...... - 1803)
1803 - 1805....Maleka a Seitlhamo (Tshwareletse)
1805 - 1807....Tshosa a Seitlhamo (Tshwareletse) (...... - 1828?)
1807 - 1822....Motswasele II a Legwale ( 1785 - 1822)
1822 - 1827....Moruakgomo a Tshosa (...... - 1828)

- Bakgaogane ka ditlhopha tse tharo ka (1827-53):
(1)
1827 - 1834....Kgama a Legwale (...... - 1834)
(2)
1827 - 1845....Bobi a Tshosa (...... - 1845)
1845 - 1853....Kgakge a Tshosa
(3)
1827 - 1829....Segokotlo a Legwale (Tshwareletse) (...... - 1829)
1829 - 1831....Molese a Legwale (Tshwareletse) (...... - 1831)
1831 - 1853....Setšhele I a Motswasele ( 1815 - 1892)
"Rra Mokonopi"
- Ba kopana ka 1853 -
1853 - 25 Sep 1892 Setshele I a Motswasele (s.a.)
"Rra Mokonopi"
1892 - 23 Jan 1911 Sebele I a Setshele ( 1840/45 - 1911)
1911 - 1918....Setshele II Kealeboga a Sebele ( 1875 - 1918)
1918 - 1931....Sebele II Kelebantse a Setshele ( 1892 - 1939)
1931 - 1962....Kgari I a Setshele (acting to 195.)( 1904 - 1962)
1963 - 21/09/1970....Neale a Baruti (Neale Sechele) ( 1916 - 1985)
10/1970 - 1978....Bonewamang a Padi ( 1926 - 1978)
(Bonewamang Padi Sechele)
1979 - 19......Setshele III (Mack Sechele)
19.. - 03/1996....Moithali a Setshele
(Moithali Sechele)
1996 - 01/2002....Kgosikwena a Sebele (Tshwareletse)
(Kgosikwena Sechele}
17/08/2002....Kgari II a Bonewamang (b. 1974?)
(Kgari Sechele)


Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com