Batho ba ntlha ba ba amogetseng leina le le reng Basotho ke Bapedi. Leina le ba le filwe ke Maswazi, Abashunto ke go re batho ba lehuto. Lehuto le ke la tshega. Leina le le ne la bitsa mongwe le mongwe yo a tswalang mongato mme puo ya bone ya bidiwa Sesotho
Buka ya go buisa
(P. Lesejane)
Khumo segwagwa e a pharuma, pheleletsong e go sia o se na sepe.
Epicurus
Setlhare sa letsapa ga se go ikhutsa. Setlhare sa letsapa ke boineelo.
David Whyte
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi


DITIRAGALO

Dingwaga di feta sekete tsa Hisetori e e humileng ya Batswana

Balemerui ba ba buang puo ya bantsho.
Dipuo tsa bantsho mmogo le temo ya dimela tsa peo di tserwe tsa isiwa kwa borwa go tloga kwa bokone jwa ikweita (Equater). Go simolola kwa Aforika bophirima go ralala Angola go dirisitswe tshipi e le sediriswa go ya kwa Zambezi. Go tswa kwa botlhaba jwa Aforika temo ya tshipi e gasagasane go ya kwa Savanna le Zambezi ka ngwaga tsa bo 20 BC, mmogo le kwa mabopong a botlhaba. Balemerui ke bona ba tlileng le dipuo tsa bantsho tsa bophirima le botlhaba.

Go tsere digwaga di le makgolo mo balemeruing bangwe go ka busa botshelo jwa naga ya Masarwa kwa Okavango-Makgadikgadi. Mo dingwageng tsa 200 BC bane ba bopa dijana ka mmopa ba di bitsa Bambatha, tseo baithuti ba dilo tsa kgale ba neng ba nagana gore ke popo ya Masarwa e e neng e tlhotlhelediwa ke ba bophirima.

Dithaba tsa Tswapong gaufi le Palapye kwa Botswana ke lefelo la bogologolo le le bonweng e ka nna ka ngwaga wa 190 AD, le na le sediriswa se se ka kgonang go gakolosa tshipi. Masaledi a Ditlwana tsa bojang a fitlhetswe gaufi le Molepolole, le teransefala bophirima gaufi le Tshwane, di bonala e ka nna tsa dingwaga tsa bo 420 AD. Go na gape le bopaki jwa temothuo kwa dithabeng tsa Tsodillo bo bo umakiwang e le jwa dingwaga tsa 550AD. Gompieno baithuti ba tsa maloba ba na le bothata jwa go ranola botaki jo bo mo matlapeng a a kwa dithabeng tsa Tsodillo, bo go neng go belaelwa e le jwa Masarwa.

DIKGOSI TSA BOTLHABA JWA BOTSWANA
Borwa-botlhaba jwa Botswana bo simolotse go bona kgolo ya setso ka ngwaga tsa bo 1095, go akaretsa thaba ya Moritsane e e gaufi le Gabane, e letsopa la yona le kopaneng e le la bogologolo le la segompieno. Setso sa Moritsane se kopanngwa le ditiragalo tsa bogosi jwa Kgalagadi, mo go neng go nna ba-Sotho kgotsa Basotho le Batswana, bao bane ba itsege thata ka go tsoma le go tlhokomela dikgomo fela ba sa rui.

Thabana ya Toutswe e fitlhelwa kwa botlhaba-gare jwa Botswana, dikilomitara di ka nna 80 go ya 100 go tswa Serowe, mo ba boneng kgolo ya temothuo. Baagi ba Toutswe ba ne ba tsoma go ya kwa Kgalagadi ba rekisetsa go ya kwa botlhaba jwa Limpopo. Go bonagala fa Toutswe e gapilwe ke Mapungubwe e leng baagisani, e e itharileng mo thabaneng kwa Limpopo-Shashe magareng a 1200 le 1300. Mapungubwe e sa le e ntse e gola fa e sale ka ngwaga wa 1050 ka ntlha ya thekiso ya yona ya gauta go tswa Shashe, e e neng e rekisetswa barekisi kwa lewatleng la India. Torotswana ya Toutswe e ne ya lebalwa, fela dikgosi tse KGOLO YA BATSWANA

Ka dingwaga tsa 1200 le 1400 bontsi jwa batho bo simologile go tlhagelela go tswa go ba-Sotho, ba phasalatsa maatla a bone

The Tswana language belongs to the Bantu branch of the Niger-Congo family.





TLHAGO YA BATSWANA

MOKWADI: L. Ngcongco
Bogosi jwa Batswana bo dira karolo e tona thata ya setlhopha sa ba-Sotho, fa Basotho bona ka nosi e le nngwe ya ditlhotswana tse tharo tse ditona tsa batho ba ba buang dipuo tsa bantsho bao ba fitlhelwang kwa bokone jwa Nguni. Mo tlaleletsong ya Batswana kgotsa "Basotho ba bophirima", setlhopha sa Basotho se akaretsa Basotho ba kwa Lesotho le Foreisetata, kwa lereo le "Sotho" le tswang teng e bile le dirisiwa teng. Setlhopha se ka dinako dingwe se bediwa go twe ke "Basotho ba borwa" . Setlhopha sa boraro se bediwa Bapedi bao ka kakaretso ba bidiwang Basotho ba bokone.

Ditlhopha tse di farologaneng tse, di ka ne di ka akarediwa jaaka "Sotho-Tswana" mo dinakong tse di fetileng tsa diragalo tsa tsona. Ditlhopha tse, di ne di arogana dingwe tsa dipuo tsa bona le ditso/dingwao tseo di neng di dira gore go bonagale pharologano mo gareng a tsona le ditlhopha tse dingwe tsa bantsho mo Aforika Borwa. Go dingwe tse di botlhokwa tse di neng di dira gore ba farologane le merafe e mengwe jaaka morafe, go ne go dumelesega gore motho wa rre a ka nyala motswalae/ntsalae go tswa ka fa ga bo mme, le mokgwa wa botaki wa dintlwana tsa mmu tse di ruletsweng ka bojang di be di tshegediwa ka ditlhomeso mo mathuding. Tse dingwe tsa dinopolo e ne e le mokgwa wa bona wa go apara matlalo kgotsa dikobo le kago ya dipota ka matlapa.

Le fa Basotho - Tswana ba nnile le pharologanyo ya boleng jwa bona, fela ba ne ba arogana boleng le batho bantsho bangwe ba borwa. Se se akaretsa tebego/popego, tse di dirang gore go nne le bothata jwa go farologanya Basotho kgotsa Batswana mo maxhoseng, Mazulu, le Maswatsi, le fa Batswana bogolo segolo ba ba nnang kwa Molopo ba le basweu ka mmala e bile le ditlhaa tsa bona di dule go se nene, go bontsha gore go ne go na le kamano e ka nna ya lenyalo, magareng ga bona le ma Khoi, ma Korana le ma Griqua.

Mo setsong sa bantsho , merafe yotlhe e latela melao ya setso segolo thata ya badimo, e o e leng gore e botlhokwa thata le mo baneng ba ba sa ntseng ba tlaatla. Ba dumeletswe go ka nyala basadi ba feta bongwe e bile go ntshwiwa bogadi jwa dikgomo fa o nyala mosadi, ka maemo a a sa lekaneng e bile go na le mephato go ya ka dingwaga tsa bona. Go bonagala gape fa ka dinako dingwe go ne go rupiwa mo ditlhopheng tse tsotlhe.

Setso sa Basotho-Tswana se bonagala kwa tshimologong ya bokone, e bile go bontsha gape gore go tloga ga bona go ya borwa, e ne e le phudugo e tona thata mo bathong ba bantsho. Batswana ba pele ba ne ba golagangwa le setso sa B.I seo go dumelwang fa se feletse magareng ga Zambezi le Limpopo, e bile go dumelwa fa ba ne ba le mo kgwebong ya thekiso ya gauta le Sofala. Go ya ka L. Fouche, se se tlisitswe ke masaledi a matsopa, e bile nako ya Basotho e fedile fa ma-Shona a tsena ka naga ya Zambezi-Limpopo ka 1200 A.D. Le fa tsela e e supang ka mokgwa o Batswana le bantsho bangwe ba tsamaileng ka teng e amogelwa ke bakwadi botlhe, go tshwanetse ga naganwa sentle ka peo ya tlhago ya ditlhopha tse gongwe kwa Egepeto kgotsa Etopia.

Di pontsho dingwe tse di ratang dikakanyo tsa tlhago ya badimo ba Ba-Sotho-Tswana ke dipuo, matsopa le mokgwa wa bona wa dikago. Malcom Guthrie o bontshitse fa dipuo tse di jaaka Se-sotho, Venda le Nguni di tlholegile go tswa mo lelemeng lwa Zezuru e bong loleme lwa ma-Shona. Fa o buisa mo Christopher Ehret a kwadileng teng e fa kakanyo ya se Venda, o botsolotsa dintlha tsa ga Malcom Guthrie ka ditlhabololo tsa dipuo jaaka Sesotho le seNguni tse di tlhamileng kgokagano ya batho batsho ba borwabotlhaba. Dikatlenegiso tsa gagwe e ne e le gore dipuo tsa Zambezi tse e neng e le karolo ya "Pembela complex" di ka tswa di kgaogantswe ka ditlhopha tse pedi jaaka Mashonale batsho ba borwabotlhaba, mme se se raya gore se batho ba se kgaoganang mo dipuong ba se kgaogana le batho ba bokone jwa Zambezi. Dipuo tse ditshwanang tsa batho ba, di tshwanetse di lebelelwe go tswa kwa ditiragalong tsa hisetori kwantle ga borwabotlhaba jwa Aforika.

D.P. Abraham yo o dirileng dipatlisiso ka dipuo tsa baagi ba Rhodesia/Zimbabwe, o tlaleletsa mo bopaking a gatelela tlhago ya Ba-Sotho-Tswana jaaka Bafokeng le Barolong le batho ba kwa Rhodisia/Zimbabwe. Se go akanngwa fa se diragetse kwa kgaolong ya Guruuswa ya Zimbabwe. John Schofield le ene gape o tsere tsia go tshwantsha di diriswa tsa bogologolo tsa matlapa tsa setso le tsa Ba-Sotho-Tswana.

Bothata jo bo tlhagelelang thata mo tlhagong ya Ba-Sotho-Tswana ke tsamaelano ya tatelano ya kgorogo ya bona mo borwa jwa Aforika. Mo nakong e e fetileng ditso tse di kwadilweng ya gore Batswana ba gorogile mo Aforika Borwa ka tatelano ya khudugo ka maphata, dipuo ka ga nako ya bona ya kgorogo di bothata go rarabololwa. Kakanyo e ka gale e tlhalosa gore Batswana ba arogane le ditlhopha tse dingwe tsa batho bantsho mo pontsheng ya Matsha a Matona a botlhaba jwa Aforika, ebile ba tswelela go fologela tlase kwa bokone bophirima jwa Zimbabwe ka maphata a mararo.

Go dumelwa fa Setlhopha sa ntlha se ne se akaretsa merafe e e jaaka Dighoja, Bathammaga, Batsatsing le ditlhopha dingwe tse di itsegeng ka Bakgalagadi ba ba neng ba thibelela kwa dikgaolong tsa Nagakgolo ya Teransefala, botlhaba jwa Botswana le bokone jwa Kapa ko ba neng ba batswakana le ma-Khoi le ma-San ka kgololosego. Setlhopha sa bobedi go dumelwa fa se tlisitse badimo ba Bafokeng, Barolong le Batlhaping ba ba thibeletseng kwa Molopo. Setlhopha sa boraro ebile e le se se tona se akaretsa Ba-Sotho-Tswana ba bagolo, bao ditlogolo tsa bona di falotseng go fitlha jaana mo merafeng ya Botswana, Lesotho, Teransefala, Foreisetata le Kapa bokone mo Aforika Borwa. Go ya kakanyo e ditlhopha tsa ba fudugedi di ne di fenya ditlhopha tse di neng di di latela mo tulong eo.

Se se gatelelwang mo kakanyong e ke gore Ba-Sotho-Tswana fa ba sena go kgabaganya Limpopo, ba ne ba setse ba farologanngwa le bogosi jwa sesheng jo re bo itseng gompieno, le gore bogosi jwa bone bo ka golaganngwa go tswa kwa ga lowe go fitlhelela ba fitlha mo Aforika Borwa. Nngwe ya tshedimoso e e sa tlhomamang ke gore khudugo e e tona e e diragetseng mo boleeleng jwa di mmaele di ka nna makgolo gongwe sekete gotswa kwa letsheng la equatorial e kopanya merafe e e tshwanang e e neng ya feta ya gapa merafe e e mennye e e fitlhetsweng mo Limpopo ka di kgoka. Bangwe ba ba ithute ba ne ba botsolotsa bo nnete ba se, ka di patlisiso tsa bona ba ne ba ganetsana le tshedimoso e ya khudugu e e boitshegang, mme ba bontsha fa go se na bo nnete bo bo feletseng.

Go ka ne gona le bonnye jwa Basotho-Tswana fela ditlhopha tse di jaaka Bafokeng gongwe Barolong ba ne ba tsewa tsia mo dingwageng tsa bo 1500 A.D., kgolo ya Batswana e tsere kgato ka situ, ka ntlha ya gore dingwe tsa ditlhopha tse di nnye mo kgaolong ya Limpopo di ne di tlhakana le bona e bile ba sa farologane thata ka setso. Monica Wilson o ne a ganetsana thata le kgang ya bona ya manyalo, ya setso sa go ananya ka dikgomo mo nyalong , gore se se godisa maatla jaaka ditlhopha le khumo mo diruiweng, gore bangwe ba ja ba bangwe ba ba senang dikgomo.





BASOTHO BA NTLHA

Kgang e e sa tlhotlhiwang gotswa mo:- BUKA YA GO BUISA tsebe 25-28
Std. V le VI.--Kgatiso ya Lesome 1965
Mokwadi: P. LESEJANE
Kgang e e tlang e ke kgang ya merafe e e bidiwang Ba-sotho. Morafe O ke bana ba merafe e e bidiwang Batswana ba Bechuanaland le Transvaal. Mo kgannye e re tla leka go bona ka mogkwa o ba duleng mo merafeng e megolo ka one. Re itse sentle gore morafe o o tsetseng merafe ya Batswana ke Bahurutshe.

Fa Bakgatla ba sena go kgaogana le Bahurutshe ba ne ba ikgaoganya diema tse pedi: sa ga Kgafela se se setseng kwa Bechuanaland le sa ga Tabane se se tsileng mo Transvaal. Seema se sa bobedi se se ne sa kgaogana ka kala tse tharo e leng baMosetlha, le baMmakau, le baMotšha.

Bakgatla ba e rile fa ba tsena mo fatsheng la Transvaal ba aga gaufi le dithaba tsa Magaliesberg. Fa ba fitlhetse Bafokeng ba ga Sebolelaakwena ba agile teng. Ba itlhakanya le bone ka go nyalana nabo. Tabane a nyala morwadia kgosi ya Bafokeng. Morweetsana yo o ne a bidiwa Mmathulare. Mosadi yo ke ene mmaagwe merafe e metlhano, e e leng Bapedi le Makgolokwe le Baphoting le Batlokwa le Basia. Merafe e e bidiwa Basotho ka gore ke bone batho ba ntlha ba ba biditsweng ka leina le.

Ga go supege gore a Mmathulare e ne e le mosadi yo mogolo wa ga Tabane ka gore e rile Tabane a ile go batla merafe e mengwe e a ka e fenyang go oketsa morafe wa gagwe Diale, morwa Mmathulare, a sutela Matlaisane, Morwa Tabane wa mosadi wa gagwe, a tloga a leba kwa gare ga botlhabatsatsi le bokalaka. Monnawe, Kgwadi, a tloga nae. Kgwadi ke ene rraagwe Batlokwa. Bomorwa Mmathulare ba ba neng ba setse ge mogolo'a bone a tloga ba se ka ba kgona go phela ka fa tlase ga Matlaisane mme le bone ba huduga ba tlogela Matlaisane. Morafe o wa ga Matlaisane ke one kala ya Bakgatla ba re ba bitsang Bakgatla baMotšha.

Kala ya Bakgatla ba ga Mmakau ke bana ba ga Modise, morwa Diale, yo o neng a tlogela rraagwe fa morago ga tiragalo e e neng ya diragala maloka le letsalo la morwarraagwe Lellateng la ga Rakau. Tiragalo e e ne ya tsisa khuduego e kgolo mo setšhabeng sa ga Diale. Go ne ga nna ntwa le polaano e kgolo. Polelo ya re Nalane morwawe le Leoka, morwa Nalane, ba ne ba bolawa mo ntweng e mme batho ba bone ba ne ba tshabela kwa borwa ba eteletswe ke Lethaga, morwa Leoka, mme ba fallela Bakwena ba ga Monageng ba ba neng ba le kwa Fithane. Fa morago ga kgaogano e morafe o o neng o setse o ne wa bidiwa Bakgatla ba ga Mosetlha.

Diale e ne e le ngwana yo mogolo wa ntlo ya ga Mmathulare, le gone o ne a nna wa ntlha go ikgaoganya le setšhaba sa gabo sa Bakgatla ba ga Mmakau kwa thabeng tsa Magaliesberg mo magareng a ngwaga wa 1600 le 1700. Ene le ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba kgaogana le setšhaba sa bone ba ya ntlheng ya leboweng, Ba ne ba tsamaya le moedi wa noka ya Lepadule (Olifants River) go fitlha kwa e kgatlhanang teng le noka ya Namagadi (Elands River). Ge ba sena go tshelela Lepadule ntlheng ya botlhabatsatsi ba thibella fa gare ga noka eo le noka ya Manganeng (Steelpoort River). Diale o ne a re pele a thibella kwa Fateng (Water Fort) mme e rile morago ga go tsalwa ga morwawe a hudugela kwa Manganeng.

Ngwana yo wa ga Diale o ne a tsalwa ka mokgwa o o gakgamatsang. Go utlwala gore pele ga go tsalwa o ne a utlwiwa a lla mo sebopelong sa ga mmaagwe mme selo se sa utlwala, sa tsosa khuduego e kgolo mo morafeng. Morafe wa dumela gore tiragalo e ke tshupo ya sengwe se segolo se se tla nnang kotsi e tona mo go bone mme ba batla gore mosadi wa kgosi a bolawe go thibelwe botsalo ba ngwana yo. Diale a gana ge mosadi wa gagwe a ka bolawa mme a mo sireletsa go fitlhela ngwana a tsalwa. Fa morago ga botsalo ba ngwana yo Diale le morafe wa gagwe ba hudugela kwa Manganeng. Ngwana yo o ne a bidiwa Lellateng Mopedi.

Diale e ne e le motlhabani yo mogolo. O ne a fenya merafe e yotlbe e e neng e agile gaufi nae mme a e gapela mo morafeng wa gagwe. Ka sebopego se morafe wa gagwe o ne wa ntsifala thata. Fa morago morafe wa ga Diale wa latlha seano sa bone sa kgatla! mme wa tsaya seano se seša sa tubatse. Morafe o o ne wa tlotla kgosi ya one Diale ka tlotlo e kgolo le go mo utlwa ka kutlo e kgolo.

Mo khularong ya gagwe Diale o ne a nnwa manno ke morwawe, Lellateng. Morafe wa gagwe wa ntsifala, wa gola maatla le bonatla. Ba phela ka fa tlase ga melao le ditaelo tsa ga borraabo, ba tshegeditse ditumelo tse dintsi tse di tshotsweng ke merafe e mentsi ya fatshe la Afrika. Ba ne ba dumela thata mo tirisong ya dipheko le gone tumelo ya ga borraabo e ne e tshegeditswe ka botlalo. Ge kgwedi e roga go ne go se motho yo o yang kwa masimong ka e ne e le moila go dira jalo. Sejo sa bone e ne e le mabele, dinawa, marotse, maši le dinama. Fa morago mmopo o ne wa tsisiwa ke Mapotokise o tswa India.

Lellateng o ne a nnwa manno, ke morwawe Morwamotšha. Morwamotšha o ne a fapaana le morwarraagwe Mmampuru, mme a hudugela ntlheng ya leboweng kwa a thaileng setšhaba se sengwe mme a se bitsa Mafafe. O ne a nnwa manno ke morwawe Kotope mme Kotope a bolawa ke monnawe Thulare mme a tsaya bogosi. Thulare o ne a tle a itake dintshi ka mmala o moset1ha mme ka a ne a lekana le namane ya lebotlana ka lebelo e re a ipoka a re: "Rraagwe Mmalekutu o fula bosigo jaaka kubu. Banna, a leungo le le buduleng le kgobokanngwe motshegare mme bosigo siannang kwa merakeng le ene yo le tlang nae mo lefifing". Fa gongwe a re: "Thulare wa Mmakau a Modise: Dingwetsi moreneng tse di sa bokeng Thulare di tsala ba ba matlho a pitseng." Go bonala gore Thulare o ne a le mat1ho a kwa teng mme bana le ditlogolwana. tsa gagwe ba ne ba le matlho a kwa teng. O ne a tlhokafala gaufi le ngwaga wa 1824.

Basadi ba Bapedi ba ne ba tswala mesese ya matlalo. Ba ne ba tswala matlalo kwa morago mme kwa pele ba tswala makgabe a a dirilweng ka megala ya bogokgwe. Banna ba. ne ba tswala. ditshega tsa matlalo. Ditshega tseo di ne di tshwana le tse di tswalwang ke basimane ba kajeno ba ba bidiwang magwane. Ba bofella letlalo mo lethekeng: ka maoto a lone a morago mme tlhogo ya lone e fetisiwe fa gare ga maoto e kgwagediwe ka kwa morago go ingata.

Batho ba ntlha ba ba amogetseng leina le le reng Basotho ke Bapedi. Leina le ba le filwe ke Mazwazi, Abashunto ke go re batho ba lehuto. Lehuto le ke la tshega. Leina le le ne la bitsa mongwe le mongwe yo a tswalang mongato mme puo ya bone ya bidiwa Sesotho. Sesotho sa Transvaal se fapaane thata le Sesotho sa Bakwena le Bafokeng ba ba kwa Lesotho kajeno.





Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com