Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
'Moroto wa esi ga o ele'
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi
  

Tshedimosetso e nngwe ya Thuto ya Setswana

NGWAO YA SETSWANA: Mokwadi: Kgomotso Mogapi

SETSO LE NGWAO

SETSO LE NGWAO TSA SETSWANA

Mo Batswaneng Setso le Ngwao di botlhokwa thata. Melao ya Setswana ga e kwalwe fa fatshe go buisiwa ke mongwe le mongwe, ebile ga e tsamaisane le bogolo jwa dingwaga tsa motho. Se se raya gore fa o sa nyala kgotsa o sa nyalwa ga o kitla o itse molao wa lenyalo, le fa le ka tshwaraganngwa fela ke magiseterata la se ka la laiwa ke bagolo, ga lo tsene fa go laiwa banyalani ba bangwe ka gore lona lo jele molao wa sekgowa fela. Fa o le mogolo o tswalelwa kwa ntle fa ngwana wa gago a nyala kgotsa a nyalwa wena o sa laiwa mo nyalong. O ka nna malome, rangwane kgotsa rakgadi fela mo molaong o ikgogela kwa morago fa setlogolo se laiwa. Mengwe ya melao ke fa banyalani ba tsena mo ntlong, go na le molao o ba o fiwang, fa o sa tsenngwa mo ntlong ka molao ga o tsene fa go na le tiro ya mofuta o, gore go tsena bana ba gago ga go tshwenye. Molao mongwe ke wa go rupa, fa o sa tswe bogwera kgotsa bojale ga o a tshwanela goitse gore go dirwang, o le monnamogolo gongwe mosadimogolo.

Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona ba re e tlogeletseng go e dirisa kwa rephelang teng, re diragatse ditiro tsa rona tsa setso tse di kgonagalang fa re nnang teng, re se ka ra tsaya gore ka e se mo magaeng re ka seka ra diragatsa setso sa rona. Ga ntsi ga re dirise meila ya rona jaaka re tshwanetse ka re phela mo ditoropong, fa gotwe o seka wa ja o e me ka maoto gongwe o seka wa jela mopitseng, gore o kwa Seborogo, Jeremane kgotsa Fora fa o le Motswana se dire jalo.

Malobanyana fa mo ngwageng tlola, ke

LENYALO

Fa go rulaganngwa tiro ya lenyalo, go simololwa ka go isiwa lefoko pele kwa gaabo mosetsana. Lefoko le isiwa ke bagolo ba mosimane fa ba fetsa ba boa ba ya go buisana le bagolo ba mosetsana ka ga tsa magadi. Ka Setswana magadi

GO TLHOKA PELEGI

Go tlhoka pelegi go ne go tsewa e le bothata jwa basadi mme mo ma bakeng mangwe go bonala e le gore rre ke e na a nang le bothata. Mosadi o ne a kgobotlediwa fa a sa tshole bana a bediwa ka maina a a sa siamang, ka dinako dingwe o ne a ka busediwa gae gotswa kwa bogadi, mme gompieno go na le basadi ba ba sa ntseng ba tshwaragane le bothata jo. Le fa bothata e le jwa ga rre go ne go itshelwa moriti o tsididi mme go supiwe mosadi ka monwana ka gone go sa diriwe diteko tse di tlaa supang gore matsapa di a tsaya kae, ka di nako dingwe bagolo ka botlhale jwa bona, ba ne ba bona gore matsapa di a tsaya kae. Gompieno re sa ntse re bona basadi ba ba utswang bana go leka go kgotsofatsa balekane ba bona le gore ba seka ba kgobiwa. Ka lenyalo le lelapa le le kitlaaneng le ne le le botlhokwa mo Setswaneng go ne gona le tharabololo ya mathata a pelegi.

Tharabololo ya Monna: Fa monna a sena pelegi mme bagolo ba lemoga se, bakgona go dira di thulaganyo tsa gore morwarragwe e ka nna mogolowe kgotsa monnawe a tsene ka soba la phokojwe le mosadi wa gagwe go fitlhelela mosadi a nna ratla la tlou. Ngwana yo o tlaa tsholwang e tla nna mojaboswa wa monna yo ka ba amana ka madi e bile o tla gola a itse e le rraagwe. Le fa se e le tharabololo ka di nako dingwe e nna bothata fa mosadi a sa batle thulaganyo e, mme a ka seka a e ganetsa. Bothata jo bongwe e ka nna fa mosadi a ka kgatlhwa ke ka fa morwarraagwe monna wa gagwe a leng manontlhotlho ka teng ka nako ya tiragatso ya nakwana, mme a nna le keletso ya leruri. Potso ke gore fa go ntse jaana bagolo ba kganna jang maikutlo a ba a rumutseng a.
Tharabololo ya Mosadi: Fa mosadi e le ena a nang le bothata jwa pelegi ka setso go dirwa dithulaganyo tsa gore mongwe wa bana ba gaabo wa mosetsana a tsewe ke monna wa gagwe jaaka mosadi wa bobedi gore a tle a mo tsholele bana. Thulaganyo e e tlisa kgang e nngwe e e ka feleletsang e tsentse lefufa ga reng ga bana ba motho.

MOTSETSI

Botsetsi jwa setswana fa o sena go belega o tshwanetse o iphoke. O iphoka ka go nwa dipitsa tsa setswana jaaka makwati a mosetlha, phate ya ngaka, le tse dingwe. Fa o nwa dipitsa o tshwanetse go patlama ka nako tsotlhe gore teng e boele ma nnong. Go na le tshilwana yona e ya ka losika ga e tshware motsetsi mongwe le mongwe, fa o le wa losika lwa yona e itlhagisa fela fa o sena go belega. O bo o gadikega mo maleng o palelwa ke go Ja e bile o tlhatsa. Go re e fole o tshwanetse go alafiwa segolo ke Mme yo e kileng ya motshwara. Motho o go alafang tshilwana, o tsaya tshilwana a go e kolokotisetse, le wena o e kape o e kolokotisetse ko go e na, mme lo e kolokotisa jalo gotswa ka fa morago ga maoto. Lo dira jalo ga raro, mme laboraro o e tseela ruri, o tsamaya o sa gadime o ya go e latlha o bue o re tshilwana ntlogele. Ka nako e o saleng o belega ka yona go bewa mopakwana. Mopakwana o beelwa motsetsi le ngwana, gore go se ka ga tsena mongwe le mongwe mo ntlong ya motsetsi. Motsetsi morago ga gore a nwe dipitsa o tlhabelwa nku kgotsa podi gore a je serobe, e tle se mmerekise mala, se mo tlhatswe. O tlhapisiwa ka metsi a mantsi sedilwa mmele a be a tlodiwa ka mafura a nku e a e tlhabetsweng gore a fufulelwe e tle a sole. Fa a dirilwe jalo o tla tswa motlung a le montle a akotse letlalo la gagwe le bonala go re o ntse a le mo ntlong. Motsetsi o jela ka mogopo o motona a nwa motogo ka sekgapana. Ngwana fa a sena go aloga o beolwa moriri, o bo o latlhiwa le kolane katsatsi le le latelang go beelwa mmaagwe. Motsetsi o tshwanetse go ikgatlha mala fa a fetsa go belega go re motse o se ka wa tlhatloga. Fa motho a le moditlhabing, go ne go batliwa mme o letheka lekhutshwane, fa a fitlha fa go e na o folosa mosese wa ka fa gare wa letheka a mmetse ka ona mo ditlhakoreng, e be a e latlha, mme rago o tla gololosega a belege sentle. K

BANA

BASIMANE LE BASETSANA

Botshelo jwa basimane le basetsana jwa se gompieno bo farologana le jwa maloba. Mo malobeng go ne gona le ditiro tsa basimane le tsa basetsana. Basimane ba ne ba dira ditiro tse di bokete. Ba ne ba tshwanetse go disa dikgomo, ba ithute go tsoma gore batle ba kgone go tsoga ba tlhokomela malapa a bona, le go thusa bo rre go dira di tiro tse dingwe jaaka go suga matlalo go ya kgonnye go betla go aga masaka le go nna batlhabani. Basimane ka bane ba tsewa jaaka bajaboswa ba ne ba rutiwa go tsaya di tshweotso ka di ngwaga tse di kwa tlase. Ditiro tsa basimane le basetsana di ne di dira gore botsalano jwa bone e seka ya nna jo bo gololosegileng, ka jalo kamano ya bone e ne e se motlhofo.

Basetsana ba ne ba dira ditiro tse di motlhofo mogae, ba thusa bo Mme e bile ba rutiwa go tlotla basimane ka se, se tla thusa gore ba tsoge ba tlotla banna ba bona. Tiro ya basetsana e ne e le go apaya, go tlhatswa, go thuga le go sila mabele, go duba mmu wa go kgapa lelapa, go roka, go loga le tse dingwe. Basetsana ba ne ba rutiwa gore ba tshwanetse ba nne le banna ba ba tla ba tlhokomelang. Botsalano jwa basetsana le basimane ka bone bo se botona mo go kalo, se sene se thusa bagolo gore ba kgone ba ba tlhophele balekane pele bona ba ka itlhophela. Dithuto tsa kwa sekolong le tsona di ne di farologana go ya ka bong, fela gompieno baithute ba tsaya dithuto tsa bona go ya ka kgatlhego ya bona e seng go ya ka gore ke mosimane gongwe mosetsana.

Botshelo jwa gompieno bo neela basimane le basetsana nako e ntsi ya go nna mmogo, ka gore batshameka mmogo e bile ba tsena sekolo le go dira dithuto tse di tshwanang. Botsalano jwa bone e nna jo bo tseneletseng thata. Basetsana ba kgona go dira ditiro tse di batlang maatla tse mo tlwaelong di neng di dirwa ke basimane, fela jaaka go dira kwa moepong mme basimane ba dira ditiro tsa go roka le go apaya tse di neng di tlwaelegile e le tsa basetsana. Fa basimane le basetsana ba tsena mo nakong ya go tlelwa ke maikutlo a se eng, a ba fitlhela e setse e le ditsala, mme se se dire gore ba batle go kgotsofatsa maikutlo a bona ka ba na le kgololosego e ntsi.

BOGWERA LE BOJALE

Kitso le molao wa go rupa ke khupa marama pipimpi reswa nayo, kana gatwe pela e tlhokile mogatla ka ntlha ya go romeletsa, jaanong fa o batla go itse go le gontsi ka go rupa, o ka dira jalo ka go bolola. Jaaka ke ne ke setse ke umakile fa godimo mo setlhogong sa "Setso le Ngwao" molao wa Setswana o a itseelwa ga o romeletse fa o o batla. Mme fela ka rephela mo dingwageng tsa kete-pedi nngwe ke raya di ngwaga tsa diponapono, diyalemoya/diromamoya le dipolotiki dilo dingwe di a tlotliwa, lemmenyana le a tle le tlhagelele ka se se diragalalang kwa thabeng.

Go rupa ga basimane le basetsana go raya gore ba setse ba tswile mo legatong la bo ngwana, mme ba tsena mo legatong la bokau le bokgarebe, ba setse ba ka tsaya maikarabelo a go nyala kgotsa go nyalwa. Ka nako e o ba tshwanetse go rutiwa molao. Makau a rutiwe ka go tlhokomela basadi le bana mme makgarebe a rutiwe ka go tlhokomela banna le bana. Se se bontsha ka mokgwa o setšhaba se neng se na le thotloetswe ka teng mo kamanong ya tsa thobalano. Basimane le basetsana ba ne batshwanetse go nyala ba nne le bana fa ba gola, ka go nna le lelapa le le kitlaaneng go ne go le mosola mo setšhabeng jaaka gompieno.

Selo sengwe se se tumileng ka bogwera le bojale se tlhagelelang go gaisa molao, ebile se tshabisa batho go ya go rupa, gape se kgalwa thata ke ba ditshwanelo tsa botho, ke karo e e dirwang. Le fa tota ba setso ba bona e le dikgatako tsa tsamaiso ya setso kgotsa go itshunya nko ga batho ba bophirima mo setsong sa se aforika, nnete ke gore ga re ka ke ra ikgatholosa di ntsho tse di diragalang mo ma mafelong mangwe ka ntlha ya botlhaswa jwa bo rathipana le pheteletso ya tshwaetso ya kokwana ya HI. Dipatlisiso tsa Mafapha a tsa maphelo di buwa fa borre ba ba dirilweng karo ya bonna ba na le kgonego e e kwa tlase ya tshwaetso ya kokwana ya HI.

Tshedimoso ee lotologileng e ka bonwa mo tsebeng e e fa gogimo ya THUTO YA SETSWANA.

BONGAKA

Tlhaloso ya Bongaka jwa Setswana

Mo dipakeng tseno dipuo di mafaratlhatlha tebang le bongaka jwa Setswana. Kgangkgolo ke gore rona re le Batswana ra reng ka ga ntlha e? A re bona mosola mongwe mo bongakeng jo, kgotsa ra re a bo nyadiwe, bo nyelediwe? Fa e le gore ra rialo, a go raya gore e rile fela fa bongaka jwa Sekgowa bo goroga, jwa Setswana bo be bo latlhegelwa ke maatla le thuso ya jona; kampo re raya gore ga bo ise bo ke bo nne le thuso epe mo go rona ka motlha ope?

Re tshwanetse ra ipotsa gore ke eng e rile re ne re ntse re itse gore bongaka jwa Setswana ke bontlhabongwe jwa ngwao ya rona, ya be e rile fa Basweu ba goroga mono Aferika, ya re fa ba kgala mongwe wa mekokotlo ya ngwao ya rona, ra se ka ra gakgamala, ra ba ra leka go itlhomamisa ka se re leng sona, go supa fa dilo tse re neng re ntse re di dira ba ise ba tle mono, di ne di akanyeditswe pele, mme go bonywe fa di na le mosola mo matshelong a batho. Go a swabisa go bona e rile fa Basweu ba re kgothatsa go latlha ngwao ya rona, re be re kgokologa jaaka koloi e fologelela mo molapong kotsa mo phateng, e se na maremo. Le gale kgotsa go fenngwa go dira. dilo.

Go ne go sa tlhokafale gore re dumele gore bongaka jwa Setswana, jo bo neng bo ntse bo tshegeditse matshelo a Batswana go tswa ga Lowe, bo, bidiwe ‘boloi’, jaaka Makgowa a bo bitsa “witchcraft”, jalo ngaka yona e bidiwe ‘ngaka ya moloi’ “witch doctor”. Go raya gore re ne ra tlhoka, ra sitega go botsa bafaladi ba, gore tota fa ba tla nama ba rutlolola mokgoro o o ntseng o sireleditse matshelo a Batswana go tswa bosaitsiweng jaana, ba akanya gore Batswana ba ntse ba tshela jang pele ga ba tla, jaaka o ka re botshelo jwa Batswana bo tsile le bona!

Motswana o ne a ikantse bongaka jwa ga gabo mo dilong di le dintsi fela jaaka a sa ntse a bo ikantse le gompieno; le fa jaanong a bo dirisetsa mo sephiring, ka a rile jaanong ‘o t1habologile’. Mo Setswaneng ngaka e ne e dira ditiro tsa matshelo a morafe kgotsa setšhaba ka go farologana:

• go thaya mošate wa motse
• go thaya lelwapa
• go thaya lesaka
• go thaya masimo
• go thaya dikgomo, gore di se ka tsa utswiwa, kgotsa tsa tlhaselwa ke dibata, jaaka ditau le diphiri ga mmogo le makanyane. Gape dikgomo di ne di thaiwa gore fa e ka palama dikgomo tsa batho, di folotse. Mothao o motona o ne o le mo poong, ke ka moo mong wa dikgomo a neng a ka ja modisa nko e sa butswa fa a ne a ka timetsa poo. Go ne go ka timela kgomo nngwe fela, mme fa poo e gorogile, go ne go se maswe-maswe.
• go thaya lenyalo, gore ba ba tshwaratshwarang ba šwe menwana
• go thaya letsholo, fa le bolola
• go bolotsa bogwera
• go nesa pula moroka
• go pheremetsa tsie
• go upa mabele gore a se ka a phofela mo tshimong
• go tlhapisa sefifi
• go beola ba ba tlhokafaletsweng
• go kgwisa motho a lomilwe ke noga, gongwe a tshositswe ke kgogela
• go alafa motho yo o tshwenngwang ke badingwana
• go alafa malwetsi a a farologanyeng, jaaka botsenwa, phogwana, ngope (madi a magolo), thobega, jalo jalo.
• go mo tumelong ya Setswana gore ngaka e ka go romelela tladi, kgotsa ya go neelela go bolawa ke dibatana kgotsa dilalome.

Go ya ka tumelo le ngwao ya Setswana, botshelo jwa motho bo ne bo ikaegile ka bongaka jo. Kwa ntle ga jona motho o ne a utlwa a sa sireletsega ka gope. Dingwe tsa ditumelo tse di ka tswa e le boammaaruri, fa tse dingwe di sa ka ke tsa tlhomamisiwa, tsa netefadiwa. Se se leng teng ke gore motho o tshela ka tumelo - tumelo mo sengweng se se sireleditseng botshelo jwa gagwe. Ka go nna jalo, Motswana o ne a utlwa a sireletsegile, a babalesegile kgatlhanong le difatlhi le diphatsa tsa botshelo.

Go supagala fa ka nnete bongaka jwa Setswana bo na le sengwe se se sa ntseng se ka thusa le mo matshelong a segompieno. Ke ka moo e reng morago ga sebaka se se kanakana bo ntse bo kgalwa, e be e re gompieno batlhalefedi ba bongaka jwa Sekgowa ba lemoga. gore le jone bo phuthetse sengwe, jalo ba bone go tlhokafala gore mefuta. yoomebedi e dirisanye.

Go lemogilwe gore malwetsi a a tshwanang le botseno, mototwana kgotsa go wa, tlhogwana kgotsa phogwana, ngope kgotsa madi a magolo, kankere, jalo jalo, a retela bongaka jwa Sekgowa, mme jwa Setswana bo a tomola semmutlwa. Ke ka moo gompieno go dirilweng thulaganyo mo Botswana, gore dingaka tsa Setswana le tsa Sekgowa di kopane kgapetsa-kgapetsa, go lebisisanya gore dikitso le boitseanape. jwa matlhakore a mabedi a di ka nontshana jang go lemofalela botsogo jwa batho. Go a lebosega go bona mo Botswana go na le Lekgotla la dingaka tsa Setswana, e bile le tlhomilwe ka fa molaong. Go lebosega. go bona go na le mowa wa tirisanyo mmogo fa gare ga. bongaka jwa Setswana le jwa Sekgowa, le maikuelo a gore a makgamu a mabedi a a tshwaraganele maitlamo le keletso ya Lekgotla la Bongaka la Mafatshefatshe, gore e re ka ngwaga wa Dikete-pedi (Year 2000), motho mongwe le mongwe a ba a na le botsogo jo bo itumedisang ka fa go ka kgonegang ka teng.

Ga go na tlhabologo e e gaisang ya gore gompieno go be go lemogilwe fa dilo dingwe tsa ngwao le tlholego ya Setswana, tse di neng tsa phailelwa kgakala ke Basweu, di tota di na le mosola o mogolo mo pabalelong ya matshelo a batho. Gompieno jaana bongaka jwa Sekgowa bo batla kitso ya medi ya digwere tse di dirisiwang ke dingaka tsa Setswana, go ikoketsa ka tsona. Phetogo e ya dikakanyo le maitemogelo e a lebosega. Go a tualo!

Ka ntlha ya kamogela ya bongaka jwa Setswana, kitso le tiriso ya jone di ka nna tsa tlhabololwa, tsa tokafadiwa. Lekgotla la Dingaka le setse le thusitse thata ka go kgala dingaka tse di pegang ditlhotlhwa tsa kalafi ya tsona kwa marung, kgotsa tse ka ntlha ya botlhaswa le bofafalele di bolayang batho.

Tema ya botlhokwa fa, ga se go re batho ba sianele kwa bongakeng jwa Setswana, ba latlha jwa Sekgowa. Gape ga go twe batho ba ipee thata mo go jone, gonne foo go a tle go nne kotsi. Go gongwe e a re le motho a fatlhwa ke lotlhokwa kampo phatsa, a tlhajwa ke mmutlwa, a longwa ke noga kgotsa a tlhajwa ke kgomo fela a be a re ke gore mongwe o mo setse morago. Go gongwe le ngwana a palelwa kwa sekolong go a twe ke gore o loilwe. Se se ka tloga sa timeletsa batho ditlhaloganyo, sa di faposa, e be e le gore jaanong motho ga a tlhole a kgongwa ke ntsi; fa go reng fela o tabogela kwa go reaitse.

Kgangkgolo ke gore a batho ba tlotle segabona; e ne e re dilo tse ba di beelang kwa thoko, ba ne ba dira jalo morago ga tshekatsheko le katlholo e e dirilweng ke bona, e seng ba tewa go twe, ba be ba setse ba tsewa ke ga e a lala e robetse. Go metsa fela, batho ba sa tlhafuna, go dirile gore batho fa ba le kwa kerekeng ba kgale bongaka jwa Setswana. Selo se ke boitimokanyo le go nna teme-pedi. A go itsiwe fela gore ngwao ya batho ke ngwao ya batho. Batho ga ba ka ke ba ipopolola, ba itshwanolola, ba ipopa sešwa.

MAINA A DITAOLA:

• Moremogolo
• Sejaro/jaro: tlhako ya kgomo
• Maboni a ga Ratsatsi
• Pubagadi: tlhako ya kgomo
• Kgoloko-kgoloko: pelo ya tshilwana/ya motho - e dirwa ka legapa la kgopa
• Thakadu - seepela tse dingwe matsatsa
• Dipodi: Ditlhakwana tsa podi tse pedi. Go na le e tonanyana le e namagadi. E tonanyana e bidiwa ‘sebipedi sa dipodi’.
• Mosarwana; o losika, o a rongwa

MAINA A MAWA MANGWE
Go na le mafoko a a tlhomameng, a go bua le bola fa bo gasiwa. Morago ga moo bola ke jona bo tla ipolelang gore bo wele jang. Mafoko ao ke a:

“Ehee! O a batlwa
O batlwa ke monna/mosadi ke yo
A re bolela a utlwe
A utlwe ka fa o buang ka teng
Ahee! A re a utlwe
Maaka marutwa ka kgomo!
Makeketwa ke ntšwa le petlo
Marapo a tse di suleng
Malaola tse di tshelang”

Morago ga moo di neelwa motlhatlhojwa, a di khuela, a ba a re:

“Bola bolela!
Ke kopa thuso.”

Fa a sena go rialo o di latlha fa fatshe. Ngaka yone e tla be e di leba ka fa di weleng ka teng, e be e di buisa go ya ka lewa la tsona. Mangwe a mawa a a kaiwang ke dingaka ke a:

Mareko masweu,

tsela di ya tlung
Tsa re, kgoloko-kgoloko pelo ya tshilwana

Fa di wele jaana di a be di raya gore pelo ya motho ga e itumele; ke gore motho ga robale sentle, o a lwala.

Morupi

Tsa re, kubela monopeng, ke tlhabilwe ke madi
Ditserentsepa tsa bana ba basimane
Mpa ke a mpampetsa
Ka e le ngwana wa ga mmê
Go tswa madi, go tswa masetlela
E re di re tserre! thamaga
E re naka têê! ke tlhabile
Motlhaba-phiri ya bosigo
Kana o e tlhabe o e mamela
Ka morupi, wa ga kubela
Go tswa madi, go tswa masetlela

Lewa le ke le le bolelang gore bana ba motho ga ba utlwane. Yo mongwe wa bona o tsamaya a bua ka pelo, ka a lemoga gore ba bangwe ga ba mo direle sentle.

Mogolori wa mmatiditidi

Tshilwana e tilana le lelwala
Ke podi kgwanyana ke a tlhotsa
Ke robilwe ke lona badisa-podi

Tse di a be di raya gore mathata a motlhatlhojwa ke ditirwa tsa boloi.

Mmakuikui

Mmakuikui, tibola letlhotlho

Le le bona ditshego. Ke gore ga go na molato ope mo motlhatlhojweng. Le fa a na le ditlhabi di tla fola, gonne ga go bonale dilabe dipe mo go ene.

Selomi

Selomi, mmakonkwane, seroba-diphotho
Seroba namane tsa mogatelo
E re se re kgo! molato
O fapoge o kope dinama
Kana dinama di jewa ke tau, ke selomi
Ga go se dinaka se ja nama
Motho mošojwa o ja nama
Tau le yone tšhojwa e ja nama
Ka selomi, mmakonkwane, seroba-diphotho

Fa di riana di raya ngaka di re go siame, e ka tsena, ya alafa yo o Iwalang. Tsa re ga go na sekgopi sepe.

• Maboni

Lejwane, lesoko
Le sokobaletse eng?
Di a tlaka di a bolola
Tsoo ntšwanyana ya mmila
Le a tswa le a phirima

Le ke fa motho a ile go kopa ngaka gore e mo thuse, o timeletswe ke diruiwa. Fa di wele jaana di bolela gore diruiwa tseo di teng, mong o tla di bona.

• Moraka-pitse

Moraka-pitse Lebowa
O tswa Lebowa o batlang
Tsa re boela borwa
Tsa re o senka ngaka
Le mororo o alafilwe

Go gongwe motho o ka ya ngakeng, le mororo a setse a alafilwe ke e nngwe. jalo bola bo tla mo lemoga, mme bo mo gakolole gore a boele gae, o siame.

• Moraro-maronthotho

Tlhako di wele mararo-maronthotho
Morwa mmidibidi wa kwapa
Re ja kwapa ke go fete tseleng
Ke be ke boe ke go fete tseleng
Nnaare tlhware o beilwe ke eng borena pele?
A re lekau ke sale ke ikokotlela maloba
Ka lore lwa a ka lwa tshipi,
Lwa motlhware lwa nthaka lwa nthobegela nageng
Marapo a tlhware e tona ke a swa
Lo tla sala lo mpua ke sule
Ka morwa mmidibidi wa kwapa

Lewa le ke la fa motho a batla gore ngaka e ye go mo thaela motse. Le bolela gore go siame, go ka dirwa; ga go dikgopi dipe. Tsa re fa o ntseng teng o morena, ga go yo o ka go sutisang.

• Moraro-sedikadike

Moraro-sedikadike, ke motse tatalego,
Ke matlhaku lo a rutla, lo a tswala
Malata, masetlhana, masenang ditsaone
Sepa-legolo la moeng
La mong-gae pipitlwane
Tsa re ke mogae wa eng,
O a reng a bona lobota lo o šwa A bo a tsaya selepe,
A re lo tla feta lo mpolelela ke tla?
Ka a tshaba marapo a kgomo e tlhaba go mo ntsha
Ka moraro, sedikadike

Fa di riana di raya fa motho a ikitse gore ke ene a loileng molwetsi. Mme e re go laolwa, a ba a tswa, a tsamaya, a tshaba gore ditaola di tla mo supa. Jaanong a re o ya golo gongwe, ba tla feta ba mmolelela a tla, gore ditaola tsa reng.

• Makgolela, mafaratlhatlha

Tlhako di wele makgolela, mafaratlhatlha
Mafaratlhatlha a bana ba mpa
Motho o kgolelwa ke wa’bo
Tsa re lo se bone naka tsa podi go patagana
Bolau di tswa najo badimong
Ba ga. Malatsi le Malatsana
Ba ne ba ganetsanya letsatsi
Yo mongwe a re tsatsi le tswa bodibeng
Yo mongwe a re le tswa kgothing ya morula
Mme e rile ka moso bo o sa
Ba namela thaba

Kgang ya feta ya lala Malatsana
Re tswa kgothing ya morula o le mongwe
Ka makgolela, mafaratlhatlha.

Fa di wele jaana, di bolela kgang ya bana ba motho. Motho le mogolowe ba ganetsanya. Yo mongwe a batla sesagagwe mo go yo mongwe.

• Makgolela, maswereswetlhane

Ke makgolela, maswereswetlhane
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo
Ke re ke rue se, lo lotlege, Ke re ke rue se, lo lotlege
Tota nna ke tla rua lo ile kae?
Ka makgolela a a maswereswetlhane,
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo.

Tlhako fa di riana di raya gore sengwe le sengwe se ke reng ke a se dira ga se ye teng. Ga ke na lesego la go itirela botshelo.

• Mpherefere, koo tseka

Tlhako di wele mpherefere koo tseka
Tsa re, kgaola e nkgwe mogala
O sa ye nae Phalaborwa
Phalaborwa ga go iwe
Go disana pedi
Go mabala mpokane
Kana mabala a kgaka re a bona fa e sule
Lesogo le lone fa le fofa le lentshonyana
Le lone mmala wa lone re o bona fa le sule
Ka mpherefere koo tseka

Fa di riana tsa re o se ka wa ithaya wa re o itse motho. O ka nna wa lemoga mekgwa mengwe ya gagwe fa o atamalane nae thata, kgotsa o dirisanya nae. Le gale ga go reye gore o a mo itse.

• Mpherefere, sanyane

Tlhako di wele mpherefere, sanyane wa bogosi
Tsa. re kgaolang sanyane maseka
Bontle le bogosi di a mo tshwanela
Ka e le morwa marua-di-mabala, sanyane
Ka mpherefere, sanyane

Tlhako fa di wele jaana, tsa re sengwe le sengwe se ke se dirang, batho ba a ntenegela, ba re ke itira kgosi. Jaanong ba batla go nthola mabela.

• Seketekete

Tlhako di wele seketekete
Seketekete se modumo
Sefalla, seja malatsi
Tsa re sentshedi, se ntshupe ka mono lesotlho
O sale o supile badimo maloba
Mme le gompieno ba sa ntse ba ile

Fa di riana di kaya selo se se suleng, se se ileng. Tsa re se ileng se a be se ile, lesilo ke moselateledi.

• Motlhakola (o motona)

Tlhako di wele motlhakola o montsho
Motlhakola wa Matebele a ga Biibii
Tsa re a golo moo gae ga go na banna,
Ba tle go namola letlhakola le e šwa le rora
Le be le e šwa le theko tsa marula

Basimanyana ba ga Rrasenkaka
Ba e rileng ba bona molelo o o šwa
Ba ya go kgetla matlhare
Ba re ba tsile go tima
Mme e rile ba tla ba kibitla ka matlhare
Molelo wa bo o tlola o kapa ntlo
E rile ba ema ba gakgamala,
Wa bo o tlolela ntlo ya bobedi

Ke gone mo re rileng tlogelang molelo oo!
O itsiwe ke mong wa legae
O itsiwe ke Rrasenkaka
Bokhutshwanyane jwa ntlo ya ga mme
Ga se bokhutshwane, ke go tlhabisa kgala
Fa ke re ke a nama, ke šwe,
Ke ikhutaganye, ke šwe.
Ke motlhakola o montsho wa Matebele

Fa di wele jaana, di a bo di re ‘banna thusang, se se mo gae!’ Tsa re thusang, go na le mathata, lo batle ngaka, e alafe!

• Motlhakolane

Ke motlhakolane, ooBatshekgethi Motlhakolane, wa mma nkadime loselo Ke jakele bongwanake! Kana ga se tlala lebekebeke Motsetsi o ja ka letsogo Ka e le phoromphotlha Moko o dule lesapong, Wa latella dinama morong.

Ke motlhakolane, moraka-pitse ya Lebowa
Pitse o swa Lebowa o batlang?
Ntlha o ka swela bobapa
Wa tla wa jewa ke ba ga Mogomana
Ba tla ba go ja ba go gomagoma
Ba go simela ka tshimelateng
Moko o dule lesapong,
Wa latella dinama morong

Motlhakolane wa moraka-pitse ya Lebowa
Motlhakolane, o o phoromphotlha
Moko o dule lesapong,
Wa latella dinama morong
Ke motlhakola o monnyennye

Fa di riana di raya gore ke tshwere phoromphotlha. Ke go re ga ke a tshola sepe. Dilo di ntule ka paka tsa menwana.

• Majwana (a a tlhapadima)

Maja-nku ya maganelwa
Kgagara ya kgomo tshwana e digwetlha
Maaka, marutwa-ka-kgomo

E nthaya e re e majwana
A ga Tshelebane, mphiphianye
A ga leme lo maaka
E rile ke re motho o kwa pele,
Nteboka motho o ntshetse morago
Tlhapang metsi Bakwena lo a tlogeleng,
Ga a na kubu, ga a selomi se metsing
O tlhapa jang segogwane?
Ntlha Bangwaketse bone ba a tlhapa ka go ragaraga dinao!

Majwana a ga ntshang nkgekgetho motseng
Mosadi fa a le sebuo segolo
Lo mo agele mo serokameleng
Lo be lo mo segele mosese wa phoko
A tle a re a bua a ba a o tswele
A bua ‘jourata’, fa pele ga banna
Ka e le modipa wa mosadi

Ke majwana a ga ntsha-nkgekgetho motseng
A a tlhapadima
Ke tlhapile le rrangwane tsibogong
A ntlhapisa letšopotšopo la go tsewa ke kubu le kwena
Ke rrangwane wa eng o sa nthateng?
E reng re latetse motlhala wa dikgomo
A ntshadise kwa morago,
E re re bona wa dinare.
A nketeletse pele!
Ke rrangwane wa eng o sa nthateng,
E reng re gama a mpetsa ka mokgothi wa kgamelo?

Ke majwana a ga Tshelebanya, mphiphianya,
Majwana a a tlhapadima.

Lewa le ke la fa bana ba motho ba lwela boswa, jaanong yo mongwe a batla go ja a le esi.

• Malwana a a disete

Tlhako di wele majwana a a disete Re a sekolola, re a seka. Letlhafula re seka mašwi a kgomo Mariga re seka mmoko wa talane Ka majwana a a disete.

Fa di riana di bolela tsheko; tsa re go a sekwa. Fa o ise o lemoge, wena motlhatlhojwa, tsoga maroko, o eme ka dinao.

• Dimatla

Dimatla, mopipimpi, Mabele a tsena mo difaleng

Le ke la fa motho a ile go itekola kwa ngakeng gore a ruri e seng tshimo ya gagwe e sa potwa ke ope ka kwa morago. Bola bo bolela gore ga go na molato ope, motlhatlhojwa o tsile go fola mabele a a tlatsa ka difala.

• Setlhako

Tibola lotlhokwa lwa tsela
Tsaya setlhako o gokele
O rwale setlhako o tsamae!
Mosepedi ke wena fela
Tsela e phepa, e siame

Le ke la fa motho a bolola, jaanong a ile go itebaleba kwa ngakeng. Bola bo bolela fa tsela e siame, mosepedi a tla tsamaya mosepele o o siameng, o o se nang dikgopi.

Ella tlhoko: Go tla tlhaloganngwa gore ditlhotlhomiso mabapi le tema e ya bongaka jwa Setswana di lemotsha fa go na le tumalano e kgolo ka ga maina a mawa mo dingakeng tsa Setswana. Dipharologanyonyana di ka nna teng mo mabokong a mawa a. Le gale go lemotshega fa dipharologano tse e se tse di kae-kae, e bile di sa reye sepe se se kalo. Go a be go tswa mo ngakeng ka sebele, gore e kgona go kgabisa leboko la lewa go le kae.

Gape go tla tlhaloganngwa gore kitso ya maboko a ga e reye gore motho o itse bongaka jwa Setswana. Se ke dikainyana fela go tlopolela mmadi gore dilo tse di tsamaya jang.

Palo ya mawa le yone ga e a gobokwa yotlhe fa. Bontsi jwa one bo tsamaelana le mathata le mabaka a matshelo a batho. Fano ga twe fela ‘tsaya o utlwe!


LOSO LE PHITLHO

Ngaka e bolokwa ka makuku a naka tsa banna, le gona go ya banna fela kwa dirapeng.
Ngwana o a iseng a medise o bolokwa mo ntlong.
Motho mongwe le mongwe o bolokwa momosong.
letsatsi ga le a tshwanela go tlhatloga le le kwa mabitleng.
Bogologolo motho o ne a phuthwa ka letlalo la kgomo e e tlhabilweng fa a bolokwa.
Setopo se ne se beiwa mo letswaing.
Morago ga phitlho Motlholagadi kgotsa moswagadi ba tshwanetse go nwa dipitsa.
Moswagadi o apesiwa roulo ke kgaitsadie a tlhabetswe podi mme o ikapola yona gongwe a ikapese mme bokgaitsedi ba mo apole. (Ka Sehurutshe)
Moswagadi o a ikapesa roulo a be a apolwa ke bo malome ka podi. (ka Setlhako)
Morago ga phitlho go a beolwa. go beolwa mme/rre le bana. Bana ba beolwa ke Rakgadi. mme/rre ba beolwa ke malomaa bona.

MOAPARO

Tshega,
Makgabe,
Serampheetšhane, sedirwa ka letlalo la phatla ya kgomo.
Motlokolo: O dirwa ka letlalo la nku, o aparwa ke makgarebe
Letoisi le aparwa ke batho ba ba nyetsweng.
Dikobo le diaparo tse dingwe di ne di dirwa ka matlalo a dinku a sugilwe

METSHAMEKO/MAITISO

Matshameko e sale e ntse e le mangwe a maitiso a Batswana go tswa bogologolong. E ne e tle e re morago ga ditiro batho ba itapolose ka go bogela metshameko e e farologanyeng. Mengwe ya metshameko, eo e ne e le ya go sidila mmele, e mengwe e le ya go sidila tlhaloganyo. Metshameko e e tsweletse, e bile e atile mo malatsing a gompieno. Mengwe ya metshameko ya bogologolo ke e:

Lobelo

Go thuba lobelo, go tlhoma kgotsa go beisa, ke selo se Batswana ba tswang naso kgakala. Go ne go ka beisiwa fela, go bona yo o ka siyang ba bangwe, mo sekgaleng se se tla beng se beilwe. Gape go ne go tle kojwe diphologolo jaaka diphudufudu, ditholo, bontšhwe, mebutla, jalo jalo. Go gongwe motho o ne a ka taboga gore a be a digwe ke setšhwane. Mo motseng mongwe le mongwe go ne go itsiwe motho yo o lobelo go gaisa ba bangwe. Ke ka moo mo Setswaneng go nang le seane se se reng ’lobelo ga se lwa motloga-pele, ke lwa mong wa lona’. Se se supa gore Batswana ba tswa kgakala ba ntse ba na le maitemogelo ka ga lobelo.

Mmanthakwedi

Motshameko o o atamalanye thata le o o fa godimo o. Tota go ka twe ke mokgwa o mongwe wa go tlhoma lobelo. Batho ba dumalana go dikologa sengwe jaaka ntlo kgotsa lesaka. Ka go rialo ba tla iphula gore yo mongwe a rake yo mongwe.

Maiphitlhwaphitlhwane:

O ke motshameko wa bana mo maitseboeng, morago ga dilalelo. Ba bangwe ba ya go iphitlha, mme yo mongwe a sale kwa morago. Fa ba sena go iphitlha o tla ba a goa a re “banyana-ba-iphitlhile!” Ba bangwe ba tla araba ka go re “iketle!” O tla be a ipoeletsa gape, a ba a re, “a ke tle?” Fa ba iphitlhile ba tla mo araba ka go re “ee, tlaya!” Fa a bona mongwe wa bona o tla bo a goa gore ba bangwe ba itse. Yo o bonweng yo jaanong ke ene a yang go ba raya ba iphitlha, a be a ba batla. tswelela fela jaana, go fitlhelela ba lapa, kgotsa nako ya go robala e tla.

Bolatsi/phenka:

Motshameko o o ne o ratwa thata ke badisa, nako ya dikgomo di fula, kgotsa di bothile. Go segwa kgophane, go be go betlwa diphatsa kgotsa go tsewa marungwana a tshipi, a a motsu. Kgophane e segwa diphatsa, di be di tlhatlaganngwa. Jaanong basimane ba tla fapaanela go tlhaba dikgare tse tsa kgophane. Maikaelelo ke go bona yo o tla di tlhabang tsotlhe, gongwe yo o tla tlhabang di le dintsi ka nako e le nngwe. Yo o kgonang jalo go tsewa gore ke ene a gaisitseng ba bangwe.

Morabaraba/Mhele:

Motshameko o o sa ntse o ratega thata le mo metlheng ya gompieno. Fa go dirwa botshamekelo jwa one go kgwarwa lesakana fa fatshe, le le dikhutlo nne. Go be go dirwa masakana a mangwe a mabedi ka fa teng ga lone. Go tloga foo go kgwarwa methalo go ralala dikhutlo tsa masakana a ka boraro; go tloge go kgwarwe e mengwe go a kgabaganya ka bogare. Makopanelo a mekgwaro e a nna masome a mabedi le bone. Jalo motshameki mongwe le mongwe o tsaya matlapana a le lesome bobedi - go tshameka batho ba le babedi ka nako. Matlapana a a bidiwa ‘dikgomo’. Gongwe le gongwe fa motshameki a tlhomaganya dikgomo tsa gagwe di le tharo, di lebaganye, o jela yo mongwe kgomo. Go nna go itaanwa jaana go fitlhelela yo mongwe a fenngwa. Gape motho o ka kganela dikgomo tsa yo mongwe go tsamaya. O di kganela jalo ka tsa gagwe. Fa yo mongwe a sitwa ke go tsamaya o a ineela, jalo a be a fentswe.

Diketo

O ke motshameko wa basetsana. Ba epa lefutinyana, ba be ba tsenya matlapana a le lesome le bobedi mo go lona. Mongwe le mongwe wa batshamaki o tshola keto e le nngwe mo seatleng, e a ketang ka yona. Jaaka mo motshamekong wa morabaraba, le mo diketong batshamiki ba nna babedi.

Moketi o latlhela keto e a e tshotseng kwa godimo. Fa e sa ntse e ile koo o gopa tse di mo lefuteng, a be a tabogela go e kapa. O e latlhela gape kwa godimo, mme a di busetse mo lefuting, a tlogela e le nngwe fa ntle. O tla nna a dira jalo; a di ntsha, a be a busetsa e le nngwefela mo lefuting. E be e le gone fa a kgonne.

Mmantitibone:

Motshameko o ke o motho a dikologang a eme felo go le gongwe a sa sute. O dikologa jalo go fitlhelela a tsewa ke sedidi a be a tlogela.

Koi:

Mo Setswaneng motshameko o o ne o atile thata go tshamekwa ke basetsana. Motho o tshwara kgole kgotsa lelodi ka matsogo oomabedi, a be a nna a e tlola e mo dikologa - tlhogo le dinao. o ka nna wa tshamekwa ke batho ba le bantsi. Ba babedi ba tshwara dintlha tsoopedi tsa kgole, kgotsa yone koi, ba bangwe ba be ba nna ba tlola. Yo o katsang o tlogela go tlola, o tla go tshwara koi. Go tswelela fela jalo go fitlhelela ba lapa.

Maitiso

Kwa ntle ga metshameko e e umakilweng fa godimo e, go na le mekwaga e mengwe ya maitiso. Bana ba ne ba nna fa isong, fa ba sena go fetsa ditiro tsa bona, mme ba tlhabe dinaane le dithamalakane.

DITIRO TSA DIATLA/BOTAKI

Go na le dilo tse dintsi tse di ntseng di itirelwa ka diatla go tswa bogologolong. Dingwe tsa dilo tse di setse di lebetswe mo malatsing a segompieno, fa tse dingwe di ntse di tsweletse di dirwa. Dilo tse di ne di direlwa go dirisiwa, mme jaanong gompieno bontsi jwa tsone di dirisediwa go kgabisa.

TSE DI NYELETSENG:

Mo tlholegong ya Setswana, Batswana ba ne ba itse go gakolosa tshipi, ba itirele dilepe, digai, dithipa, megoma e e otolang, le tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka go itshetsa le go iphemela ka tsona. Mo malatsing ano kitso e ya go gakolosa tshipi e tsamaile, le gone go itirela dilwana tse tsa tshipi go nyeletse. Batswana ba kile ba be ba kgona go ipetlela selepe sa ntwa - magagana; mme gompieno kitso eo e ile le beng ba yona

TSE DI SA LENG TENG:

Bontsi jwa dilwana tse di itiretsweng ka diatla di sa ntse di le teng le gompieno. Dingwe tsa dilwana tse, jaaka tlatlana, di diretse Botswana mo mafatsheng a mantsi. Dingwe tsa dilwana tseo ke tse:

Tlatlana:

Tlatlana ya Botswana, e e dirwang bogolo thata kwa Maung, e galalediwa thata mo ditshupong tsa mafatshefatshe tsa ditiro tsa diatla. E bonwa e le nngwe ya ditiro tse di dirilweng ka botswerere le kitso e e tswang mo mading a motho.

Tlatlana ya Setswana e logwa ka lotlhaka lwa noka.

Tlatlana ya Botswana e setse e rekisiwa mo mafatsheng a mantsi mme ka go rialo e tsisetsa lefatshe leno madi a a tswang mo mafatsheng a sele Tlatlana e e kgabisiwa ka mefutafuta, e be e logwe ka dilekanyo, tse di farologanyeng. Go na le tse ditona le tse dinnye, tse di kgonang go pegwa mo loboteng, go kgabisiwe ka tsona.

Loselo:

Kwa ntle ga tlatlana, Batswana ba tswa kgakala ba itse go loga loselo. Lone lo logwa ka thupa ya moretlwa, e fatotswe’, e bile kwataboloditswe makwati. Le lone jaaka tlatlana, lo logwa dilekanyo tse di farologanyeng, lo bile lo setse lo dirisediwa go kgabisa. jalo le lone lo rekwa kwa mafatsheng a sele.

Motlhôtlhô:

Kwa tshimologong motlhôtlhô o ne o logelwa go tlhotlha bojalwa. One o logwa ka makhaši o o tlhogang fa thoko ga noka. le gale gompieno o setse o logelwa go rekisediwa ba ba ka kgabisang ka one mo matlung.

Moseme: Moseme gongwe legôgô o logwa ka mokhaši jaaka motlhô tlhô. One o ne o dirisiwa go alwa fa fatshe ke bomme fa ba itapolositse, ba tsere dikgang, kgotsa ba le mo mererong. Le one mo malatsing ano o setse o dirisediwa go kgabisa, bogolo jang mo ditoropong.

Ela tlhoko:

Kwa ntle ga dilwana tse di fa godimo tse, Batswana ba kgona go loga dika-dinkgo ka lotlhaka, jaaka tlatlana, di be di direlwe le dikhurumelo. Tsone maikaelelo a go di dira ke go kgatlha ba ba eletsang go kgabisa ka tsone, le go supa kitso ya mologi mo tirisong ya lotlhaka.

Dilo tse tsotlhe di supa kitso e e nonofileng ya tlholego ya batho mme e bile di fa lefatshe la Botswana leina la gore le lone le na le seabe mo tsweledisong ya ngwao, ya losika loomotho.

Matlalo:

Ke selo se se itsegeng thata gore go suga matlalo go tswa le Motswana kgakala. Pele ga Basweu ba tla ka matsela, Batswana ba ne ba apara diaparo tsa matlalo. Banna ba ne ba apara diphae, fa basadi bona ba apara diphaeyana. Gape go ne go dirwa methikga ka matlalo, mme go binwe ka yona.

Go ne go sugwa matlalo go dirwa diphate, thari e e belegang ngwana, lekuka la madila, kuane ya banna, go be go sugwe dikgole go golega dikgomo le go di katlowa fa di gangwa. Diphate tse di aparwang sekobo, le tse di phuthang dithoto di ne di sugwa boleta le bontle,go na le tse di alwang fa fatshe.

Ka ntlha ya go bona ditšhaba tsa seeng di kgatlhegela diphate tsa Setswana, gompieno diphate di sugwa, di rokwe, di be di kgabisiwe ka bokgabane jo bo tsikitlang leitlho la molebi. Ke ka moo le Batswana jaanong ba setseng ba kgabisa ka diphate mo matlung a a bone Ga ba tlhole ba di rekela go di ala. Le gale kwa metseng ya magae go sa ntse go na le ba ba di alang, le fa theko ya tsona e iteile batho tsebe.

Diphate tse dingwe di ntlafadiwa ka go tshwaraganya matlalo a diphologolo tse di farologanyeng, go dira phate e le nngwe, Fale le go sa ntse go bonwa diaparo tsa matlalo, jaaka borokgwe, baki, phaeyana, jalo jalo. Go gongwe dibaki di segwa ka matlalo a bophokojwe, mme a se ke a ntshiwe bobowa gore a nne mantle.

Megopo:

Le fa megopo e sa tlhole e dirisediwa go jela, fela go sa na le dithakga tse di e betlang. Mogopo o betlwa ka logong lwa monato, mophane, morula, le tse dingwe. Mo malatsing ano megopo e betlelwa go rekisiwa le go kgabisa mo matlung. Le yona e setse e betlwa ka mekgwa e mentsi go e ntlafatsa le go e tlhabolola. Mengwe e betlelwe dikhurumelo.

Jaaka ditlatlana, le megopo e betlwa ka dilekanyo tse di farologanyeng gore batho ba e rekele mabaka a a farologanyeng.

Godimo ga megopo go betlwa le dintshwana, dikika, metshe le dipora - dinno tsa Setswana tse di betlilweng ka logong fela. Go betlwa le ditilo tsa dikgojana, mme di kgabisiwe ka mekgwa e mentsi

Babetli ba setse ba. betla dikikanyana, metshenyana, le dikopi tse tse ba di direlang gone go kgabisa fela. Mo e a be e le go supa kitso ya Motswana ya go dira ka logong le petlwana.

Kwa ntle ga megopo le tse di setseng di umakilwe, go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse di betlwang ka logong, jaaka lore, setshwantsho sa motho, kgomo, tau, tlou, le diphologolo tse dingwe, le ka dinonyane le digagabi tota.

Mo ntlheng e go ka twe kgwebo e thusitse thata, gonne fa di ne di sa betlelwe go rekisiwa, bontsi jwa tsone di ka be di setse di nyeletse, jalo dikokomana tsa rona di ka be di latlhegetswe ke kitso ya ngwao ya segabona.

Merufa:

Morufa ke kgamelo e e betlilweng ka logong. Batswana ba le bantsi gompieno ga ba tlhole ba itse kgamelo e. Ka ntlha ya kgwebo, re sa ntse re wela kgamelo e e rekisiwa; ka jaana e sa tlhole e dirisiwa mo go gameng.

Ke selo se se kgatlhang go lemoga gore e rile pele ga ditšhaba tsa Bophirima di tla mono ga rona, batho ba ne ba ipheditse ka dilo tse ba di tlhokang mo matshelong a bona a gale.

Dinkgo:

Nkgo ya Setswana le yona ke nngwe ya ditiro tsa diatla tlholegileng le ngwao ya Setswana. Yona e botšwa ka mmopa, e besiwe gore e tie. Ka jaana le yona e kgatlhisa thata, babopi ba yona ba e bopa ka go e ntlafatsa le go e kgabisa ka ditsela tse di farolo- ganyeng. Ga e tlhole e dirisiwa thata go beela metsi kgotsa bojalwa, mme jalo ba ba e rekang gantsi ba e rekela go kgabisa ka yona

Diletso:

Maitiso a Setswana go gongwe a ne a loisiwa ka go dirisa diletso tse di itiretsweng. Dingwe tsa diletso tse ke moropa, serankure/segaba/sebintsolo, phala e e dirilweng ka lonakana lwa phala, kgotsa lwa phudufudu, le tse dingwe jalo.

Ka jaana gompieno dilo di tlhabolotswe ka bontsi, dingwe tsa diletso tse ga di tlhole di dirisiwa mo dipineng. Bontsi jwa tsona gompieno di bonwa di kgabisitse mo matlung, kgotsa di tlhaga fa go na le meletlo e megolo ya semmuso.



BODUMEDI





LOSIKA

MAINA A LOSIKA

Mo Setswaneng go na le maina a a kgethegileng a a tlhalosang losika fa gare ga batho.
Mangwe a maina ao ke a, ga mmogo le ditlhaloso tsa ona:

• Rre/ntate/rara: motsadi wa me wa monna.
• Mme: motsadi wa me wa mosadi.
• Nkgonne/mogolole: mogolwane wa me wa bong jo bo tshwanang le jwa me.
• Nnake: mmotlana wa me wa bong jo bo tshwanang le jwa me.
• Kgaitsadiake: mogolwane kgotsa mmotlana yo re farologanang ka bong; fa ke le
    mosimane, ene ke mosetsana, kgotsa fa ke le mosetsana ene ke mosimane. Se se
    akaretsa le bana ba borrangwane le borremogolo, ka jaana re le bana ba mpa.
• Ntsalake: ngwana wa ga malome kgotsa rakgadi.
• Rremogolo/ntatemogolo:-motsala-rre/mme, kgotsa mogolowa-rre.
• Mmemogolo/nkoko/nkuku: motsala-mme/rre, kgotsa mogolowa-mme. Le gale maina
    a a ka dirisiwa gape go raya mmamalome, ke go re mogatsa-malome.
• Rrangwane: monnawe rre wa monna.
• Mmangwane: monnawe mme wa mosadi.
• Rakgadi: kgaitsadia-rre a le mogolwane kgotsa a le mmotlana.
• Matsale: motsadi wa monna yo o nnyetseng.
• Mogwagadi: motsadi wa mosadi yo ke mo nyetseng.
• Mogwe: monna yo o re nyaletseng yo o nyetseng ngwana wa rona.
• Ngwetsi: mosadi yo o tserweng mo ga rona; a nyetswe ke ngwana wa rona.
• Mogadibo: kgaitsadia-monna wa me.
• Mogadikane: mosadi yo nna le ene re nyetsweng ke monna a le mongwe.
• Ba ga etsho: batho ba kwa go tsalwang rre teng.
• Ba ga etsho -mogolo: batho ba kwa go tsalwang mme teng.


DINALEDI

Kopadilalelo: Ke e e tswang mantsiboa
Kgogamasigo:
Mphatlalatsane: ya mo mosong
Dikolobe:
Dintšwa:
Selemela:
Molalatladi:
Seroga balopo: ke dinaledi tse ditshweu, tsa mogatlana o o tswang botlhaba o ya bophirima. di ne di dirisiwa ke baeti fa go le bosigo jaaka mosupatsela.

MEILA

Ga o a tshwanela go tsena o rwele metsi gongwe dithoto mo ntlong.
Rre ga a rwale mo ntlong.
Ga go feelwe bosigo, o ka fisa le feelo fa pele mme ga o olele matlakala a teng.
Ga go tsenwe ka lebone le tuka mo ntlong.
Ga go tsenwe ka metsi bosigo mo lapeng.
Ngwana wa mosetsana ga a tshwanela go ja Mae.
Mosetsana ga a tlhape Bosigo: Otlaa bona sesadi bosigo / o tlaa tshwarwa ke ditlhabi bosigo.
Mosetsana ga a jele mopitseng.
Mosetsana ga a nne fa pele ga le selo go feferwa.
Mosetsana ga a ralale dikgomo.
Mosetsana ga a je ngati a sa e jisiwe ke bagolo.
Mosetsana ga a je tlhako.
Mosetsna ga a je telele.
Mosimane ga a je telele a sa e fiwa.
Mosetsana ga a je Nko ya Kgomo: otla sinalelwa ke makau.
Mosetsana ga a tlole legora.
Moswagadi ga a tshwanela go ralala dikgomo: otla dira gore di folotse
Moswagadi ga a tshwanela go ralala lefatshe sethoboloko: O tlaa dira leuba.
Moswagadi ga a dumedise ka letsogo: O tla mo ntshofatsa.
Banyadi ga ba a tshwanela go kopana mo bekeng ya lenyalo: Go tlaa nna diphefo kana pula ya matlakadibe
Moimana ga a tshwanela go ja mae:
Ga go ipomelwe dinala mo ntlong.
Ga go ipomewi dinala bosigo.
Ga go beolelwe moriri mo ntlong
Ga o a tshwanela go latswa thipa
Mosadi ga a e me fa gare ga kgorwana.
Mosadi ga a tlole legora le lebotana.
Ga go giwe metsi bosigo.
Letswai ga le tsene bosigo.





Tlhalefang.com © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mophasalatsi cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com

Le fa re lekile ka bo jotlhe go dirisa tshedimoso e e siaming le puo e e letlelesegileng ya Setswana, ga re tshepise go re sengwe le sengwe se kwadilweng mo SETSWANA.COM se nepagetse ka botlalo. Mongwe le mongwe yo a nang le tshedimosetso e e botoka gongwe e e nepagetseng go feta e e kwadilweng o letleletswe go e tlhagisa ka botlalo go thusa go tsweletsa le go godisa Puo le Ngwao ya Setswana. Dikganetsano le dingangisano tsotlhe di buletswe.