Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

KITSO KAKARETSO

| Thuto ya Diane | Diane le ditlhaloso | Thuto ya Maele | Maele le ditlhaloso | Dithamalakwane | Dikapolelo
| Makaelagongwe | | Malatodi | Ditumatshwano | Dikapuo | Motlotlo | Dinaane |

Maele le ditlhaloso

Motlotlo

1. THEETSO

Nonofiso ya bokgoni jwa THEETSO

Fa re fetsa thuto e, re tshwanetse ra bo re na le bokgoni jwa theetso jo bo tlhokegang go re kgonisa go tlhaloganya se re se utlwang ka nonofo le ka nepagalo.
Bokgoni jwa theetso ke eng?
Botlhokwa jwa theetso e e siameng e e nepagetseng ga se ga ntsi bo tlhaloganngwa. ke lebaka la nnete la gore ngwana o simolola ka go ithuta go reetsa pele a ithuta go bua. Le Le gale se, ga se mo baneng fela, mme go fela jalo go mogolo yo o batlang go ithuta puo ya Seeng. Ka jalo go molemo gore thuto ya gago ya ntlha ya motlotlo, e nne ka ga bokgoni jwa theetso, mme e seng bokgoni jwa tsa molomo jo bo tla tlhalosiwang moragonyana. Fa o itse go reetsa sentle le ka nonofo se batho ba bangwe ba se buang, o tla itse gore ba reetsa jang se le wena o se buang, mme ka tsela e, o ka kgona go tokafatsa bokgoni jwa gago jaaka sebui.
Gore o tle o kgone se, o tshwanetse go reetsa:

  1. Ka tlhoafalo gore o kgone go tlhaloganya bokao jwa se se buiwang;
  2. Ka pharologantsho, ke gore ka go sekaseka dintlha jaaka di tlhagisiwa, le ka go neela dikakanyo tsa gago fa go tlhokega;
  3. Kwa ntle ga katlholelopele, ke gore, otshwanetse o beye mabaka a tswetso ya gago mo godimo ga dintlha tse di tlhagisitsweng, mme e seng gore o rata kgotsa ga o rate se o se utlwang;
  4. Lefoko lengwe le lengwe le le buiwang, le go nagana bokao jwa lona go ya ka tiriso ya fa le tlhagelelang teng;
  5. Bonako, segalo, kgatelelo le dikgaotso tse di diriwang ke sebui, ka gore di ka nna botlhokwa mo tlhalosong e e nepagetseng ya se se buiwang.
Go nonofisa bokgoni jwa theetso jwa gago
Bokgoni jo, bo ka godisiwa, mme bo tokafadiwa ka go reetsa mefuta e e farologaneng ya puo, jk
  1. Lenaneo la seyalemowa;
  2. Motlhabi yo o nonofileng a le tlhabela naane (leinaane)
  3. Morutabana a buisetsa barutwana khutshwe kgotsa temana go tswa pading kgotsa terama e e tlhaotsweng.
  4. Barutwana ba neelana ka dikgang, ditherisano kgotsa dipuisano.

Segarona Mophato wa 9 p23/24

2. IKITSISO

Botlhokwa jwa go ikitsise

2.1 Ke ka ntlha ya eng go tlhokega gore motho a iktsise?

Mo bophelong motho o iphitlhela ka gale a dirisana le batho ba o sa ba tlwaelang. Go ikitsisane ke nngwe ya dikgato tsa ntlha pele neeletsanyo e ka kgonagala.
    Mokgwa wa go ikitsise e ka nna o o tlwaelegileng mo mothong wa maemo le dingwaga tse di lekanang le tsa gago, mme fa e le mogolo kgotsa motho yo mmotlana wa maemo a a kwa godimo go tla dira gore ikitsiso e nne e e supang tlhompho.
    Fa e ka re o ikitsise modiredipuso mongwe yo o ka lekanang le wena ka dingwaga o re:

    "Ke Pita Mothupi", mme ene a go ipegelela ka go re: "Moritimetsing", o tla itse gore o rata o ka mmitsa Rre Moritimetsing. Fa o mmitsa fela, "Rapula" kgotsa "Thabo", o tla tsaya gore o kgathologa maemo a gagwe a bodiredipuso, ntswa wena o le esemang.
Ka jalo ikitsiso e maikaelo mabedi:
  1. batho ba ba farologaneng ba kgona go itsane;
  2. batho ba ba farologaneng ba dumelelana, kwa ntle ga go bua sepe, gore a neeletsanyo ya bona e tla nna e e supang botsalano kgotsa tlhompho.

2.2 Motho o ikitsise leng?

Fa o tsena mo borekelong kgotsa mo kantorong ya puso fa o thusiwang ke mongwe a le ka fa morago ga khaontara, ga se gantsi o ikitsise. Lebaka le le dirang jaana ke gore maemo a, ga a batle botho jwa gago, mme o bo o setse o reka se o se batlang kgotsa o be o setse o bolelela yo o ka fa morago ga khaontara ya puso se o tlileng go se dira kgotsa thuso e o e batlang mo kantorong
    Le gale fa e le gore o batla go rerisana le mo mabakeng a sephiri jaaka go rulaganya ka ga mosuga/molato kwa borekelong kgotsa go bonana le puso ka tsa tiro, o ka nna wa kopiwa go ya ka kwa kantorong nngwe kwa o tla tshwanelwang ke go ikitsise pele o bolela lebaka la gago.

2.3 Motho o ikitsise jang?

Ikitsiso e na le karolo ya go bua le ditiragatso tse di tsamaelanang le se se buiwang.
2.3.1 Karolo e e buiwang ya ikitsiso.

Karolo eno ya ikitsiso ka gale e diriwa ka dikapolelo tse di tshwanang le tse di latelang:
        "A ke nke ke ikitsise"
        "Ke itumelela go kopana nao"
        "Re setse re kile ra kopana"
        "Ao! O morwa/morwadia Kgopu!"
        "Ao! Ke wena seopedi/motshameki/mogokgo o o tumileng!"


Karolo eno e e buiwang ya ikitsiso e batla gore re bue ka itsheko, ka thelelo, ka lobelo kgotsa ka bonya le go buela kwa godimo go go lekaneng. Go mumura, go buela kwa tlase kgotsa go tlatlarietsa go tla naya maemo le tlhagiso e e bokoa.
2.3.2 Ditiragatso tse di tsamaelanang le ikitsiso.

Mo lefatsheng la ditlhago tsa methalethale motho o bona mathata mo go direng ditiragatso tse di nepagetseng mo ikitsisong, jaaka mo mabakeng a a latelang:
  1. a motho o a ema, fa o ne o ntse fa fatshe kgotsa o robetse, pele o ka ikitsisa?
  2. a motho o dumedisa ka seatla kgotsa nnyaya?
  3. a motho o ela maina a baditšhaba tlhoko kgotsa nnyaya?
  4. ke mang yo o buang le mang?
Tlhago nngwe le nngwe e farologane mo mabakeng a. Ikitsiso e e latelang ya merafe kgotsa ya tlhagotswako e mo go yona go bontshiwang maitsholo a a amogelesegang gongwe ke yona e e ka anamiswang:
  1. ema ka dinao fa o ikitsisa;
  2. dumedisa ka seatla se se tiileng, mme e seng se se teteang kgotsa se o ka reng se golafetse;
  3. leka go boeletsa leina la motho yo o ntse o ikitsisane nae gore o tle o ikgopotse leina la gagwe;
  4. maemo a tla laola gore ke mang yo o tla buang pele ga yo mongwe fa ba kopana.
Ke tlwaelo gore fa batho ba kopana la ntlha maitseo le tlotlo e nne tsa botlhokwa. Maitseo a a maswe le maitsholo a a supang go tlhoka kgatlhego a senya semelo le botho jwa gago.

A jaanong o ka:
  1. naya mabaka mangwe a maemo a tlhagotswako mo ikitsiso e ka dirwang ka teng?
  2. Naya mabaka a tlhago-osi mo ikitsiso e ka tlhagelelang?
  3. Naya dikapolelo dingwe tse di atleng di buege mo mabakeng a a umakilweng fa godimo?
  4. bontsha maitsholo a a amogelesegang le a a sa amogelesegeng mo ikitsisong?

Segarona Mophato wa 9 p49/50

3. PEGO

kwa bokhutlong jwa thuto e, re tshwanetse ra bo re kgona go rulaganya dikakanyo tsa pego ka nepagalo

Go bega ka ga sengwe ke go bolelela ba bangwe gore go diragetse eng le gore se diragetse jang. Se, se re gopotsa ka mmegadikgang yo o kokoanyetsang babadi ba gagwe dikgang ka ga ditiragalo dingwe. Se, o tshwanetse a se dira ka bokgoni, manontlhotlho le ka kgatlhego go ngoka theetso ya babadi. Gantsi mmegi o tshwanetse go batlisisa le go tlhomamisa mabaka mabapi le se a batlang go se bega. Pego e tshwanetse go tlhamalala, mme e se ka ya dikologa kgotsa go tlhagisa mabaka a masesanyane a a sa tlhokegeng. Le fa mabaka a a fa godimo a lebisitswe pego e e kwalwang, a ntse a raya le pego ya molomo.
    A o setse o itemogetse gore le mo pegong bokgoni jotlhe jwa tsa molomo jo bo rutilweng, e bong bokgoni jwa kgono ya puo, bokgoni jwa tsa motlotlo le bokgoni jwa go bua ke tsa botlhokwa. Ka jalo, fa o ipaakanyetsa pego ya molomo o tla tshwanela go ela tlhoko dintlha tse di tshwanang le tsa puo e e ipaakanyeditsweng.
    sekai se sentle sa pego ya molomo se tshwana le, fa mo puisong ya dikgang mo thelebišeneng, mmuisidikgang a tlhagisa tiragalo nngwe, jaaka re ka re kotsi, mme a bo a kgabaganyetsa kwa mmeging yo o kwa kotsi e diragaletseng teng. Mmegi yo o fa kotsi e diragaletseng teng, ene o bone kitso e mo go ba ba e boneng ka matlho, mme a baakanya pego e jaanong a e gasang go tswa mo lefelong leo la kotsi. Mofuta o mongwe wa pego o o ka tlang ka dikgang tsa radio kgotsa thelebišene ke pego e e kokoantsweng morago ga dipatlisiso tse di tseneletseng; sekao e ka nna ka maemo a ditsela mo karolong e e rileng, kgotsa ka ga maemo a diruiwa morago ga lešekere le leleele.
    Se e leng sa botlhokwa mo pegong ya dikgang, ke kgatelelo ya mosola wa tiragalo; go itlhopha ga yona, go tlhagelela go le nosi ga yona le bošwa jwa tiragalo, ke tsona tse di lebiwang thata. Mo mefuteng e mengwe ya dipego jaaka:
(a) Pego ka ga mokgwa o Mophato wa 9 o dirisang laeborari ka teng;
(b) pego ka ga kopano ya phadisano ya tsa mabelo ya ngwaga.
Se se leng botlhokwa mo pegong ya mofuta o, ke neeletsanyo ya dinewa (data) tse di batlegang e seng dikgang. Ke ka moo re tshwanetseng go farologanya pego ya dikgang le mefuta e mengwe ya dipego.

Segarona Mophato wa 9 p356

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com