Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

KITSO KAKARETSO

| Thuto ya Diane | Diane le ditlhaloso | Thuto ya Maele | Maele le ditlhaloso | Dithamalakwane | Dikapolelo
| Makaelagongwe | | Malatodi | Ditumatshwano | Dikapuo | Motlotlo | Dinaane |

Dikapuo/Dipapiso


Maikaelelo a thuto e, ke go go:
1. gakolola ka dikapuo di tshwana le, tshwantshanyo, tshwantshiso, phefofatso, mothofatso, pheteletso le kaediso;
2. ruta ka dikapuo tse dingwe jaaka, semenogane, kgakantshi le tshegiso..

Tiriso ya puo ya botshwantshi le dikapuo e botlhokwa thata mo puong. Dikapuo tsa botshwantshi tse di dirisiwang mo puong di tshotse bokao jotlhe jwa tiriso ya puo. Dkapuo tsa botshwantshi di botlhokwa ka ntlha ya fa di re tlhalosetsa se re sa se itseng ka se re se itseng, gore fa re ne re sa se dumele re bo re nne re se iponne ka matlho, re se utlwe ka ditsebe, re se tshware ka diatla, re utlwe monko le tatso ya sona re bo re se dumele. Dilo di utlwala bonolo fa di tshwantshiwa ka tse re di bonang ka matlho le go di utlwa. Dingwe tsa dikapuo tsa botshwantshi ke:

tshwantshanyo, tshwantshiso, mothofatso, phefofatso, pheteletso le kaediso.

  1. Thwantshanyo (simile)
    Tshwantshanyo e tshwantshanya dilo tse pedi e sa tikele. E dirisa mafoko a a latelang go tshwantshanya:
          tshwana le; o ka re; e kete le jaaka.

    Lebelela dikao tse di latelang tsa tshwantshanyo: (i) Malome o bogale jaaka tau.
    (ii) Ngwana yo ga a tshwenye ope o bonolo jaaka kwana.
    (iii) Lebelo la mosimane yo o ka re ke ntšwaphefo.

  2. Tshwantshiso (metaphor)
    Tshwantshiso e bitsa selo ka se sengwe e sa dikologe ka go dirisa mafoko a botshwantshi jaaka,
    e kete, jaaka, kgotsa le o ka re. Tshwantshiso e dirisa lefoko .“ke”.
    Lebelela dikao tse di latelang tsa tshwantshiso:
    (i) Modise ke nta ya selomela kobong, o mmone.
    (ii) Tlhaloganyo ya motho ke bodiba jo bo sa itseweng .
    (iii) Moriri wa gagwe ke dithoro tsa morogo wa thepe.

  3. Mothofatso (personification)
    Mothofatso ke sekapuo se ka sona dilo di newang maemo a botho kgotsa a batho.
    Sekapuo se o se lemoga ka tiriso ya dithuanyisediri tsa ditlhopha tsa mo – ba-.
    Lebelela dikao tse di latelang:
    (i) Pula, o molebeledi wa kgomo tsa ga rre.
    (ii) Monna yo montsho, loso o tsere ngwanake ka bonako.
    (iii) Tau o kgosi ya diphologolo, ke wena mmusi yo mogolo.

  4. Phefofatso (eufemism)
    Phefofatso e dirisa mafoko a a botlhofo, a a amogelesegang mo ditsebeng tsa moreetsi a sa mo iteye tsebe.
    Lebelela dikao tse di latelang tsa phefofatso:
    (i) Monnamogolo o thudile botala ka tlhogo (O sule).
    (ii) E rile fa moletlo o khutlha, Mathulwe a ya gae a ijetse (O tlhapetswe).
    (iii) Mapule o a fosa fa a re ke utswitse dijo(O a aka).

  5. Pheteletso (hyperbole).
    Pheteletso ke sekapuo se ka sona tiro kgotsa tiragalo e kaiwang go feta ka moo e ka diragalang ka teng.
    Lebelela dikao tse di latelang tsa pheteletso:
    (i) Ngwanyana yo ga a siane, o a fofa.
    (ii) Selepe ga a new bojalwa , o a bo tshela.

  6. Kaediso (symbolism)
    Kaediso e bitsa selo ka se se tsamaelanang le sona. Gantsi re bua ka ga “nkwe” kgotsa “letlalo la nkwe” re raya bogosi gonne kgosi e apara letlalo la nkwe.
    Lebelela dikao tse di latelang tse:
    (i) Bomalome ba ile go batlela motlogolo sego sa metsi (mosadi).
    (ii) Mosadi yo o timilwe thari (pelegi).
    (iii) Tiro e e ntsi e batla diatla (batho ba bantsi).

  7. Semenogane (pun)
    Ke sekapuo lefoko le le lengwe le ka nnang le bokao gabedi. Bokao jwa lefoko bo tsamaya bo menoga kgotsa bo fetoga go ya ka bokao jo bo ikaeletsweng. Sekao se sentle sa semenogane se bonala mo go “Boka Sentle” (Via Afrika) mo lebokong la ga (Kgosi Tshosa), jaana:

          Sekamodidi (1) wa Matshelaphala,
          Busa o etse Kgama, o etse Pudungwana ka kofi,
          Matlhaolwa a marwana (2);
          Motho ga e re a bolela le kgosi,
          E re ka moso a namela kwena,
          A gata maoto a motho a kgetha,
          Kgomo tsa bo di lema makoro.
          A tse di lemang, (3) di lema di leme,
          E re di ya ditlhogo gabo mogolo,
          Dingwe di salele mokgethi mala,
          Di sale di rufa (4) makau mabogo,
          Kgomo tsa ntswa moduku (5) wa marumo.

    Mo sekaong se, bokao jwa lefoko lema bo kaya go lema mmu le go lema dinaka.

  8. 8. Kgakantshi (paradox)
    Kgakantshi ke sekapuo se tlhagiso e ka reng e ganetsa se e se tlhomamisang. Mmuisi o gakanngwa ke bokao jwa tlhagiso, le fa bonnete jwa tlhagiso bo popometse, jaaka mo dikaong tse di latelang:
    (i) Fa ditšhaba tsa lefatshe di batla kagiso di tshwanetse go ya ntweng.
    (ii) Keresete o fentse loso ka go re swela mo sefapaanong.
    (iii) Molelo wa tladi o tingwa ka o mongwe.

  9. Tshegiso (humour)
    Tshegiso ke sekapuo se maemo a ditiragalo a dirang gore mmadi kgotsa mmogedi a palelwe ke go itshoka go swa ka ditshego. Motho o bolawa ke ditshego fa o buisa dikhutswe tsa ga B.D.Magoleng tsa “Ke a go bolelela” (Van Schaik).
    Ke tla nopola ditiragalonyana dingwe fela tse di bontshang tshegiso:
    (i) Mo go “Ga le a ka la tswa” Mokwadi a re:
          Ga twe e rile Baoki a tswa ka fa ga Gaolekwe a bo a patagantse marago go phala jaaka
          motho a ka dira a siane.
    (ii) Mo go “Tshwene ya lebanta” motho o bolaiwa ke ditshego motsing o tshwene e neng ya re e sena go nwa bojalwa ya simolola tlhatlharuane fa e bona batho.Mokwadi a re:
    O ganne a sa le mo lelapeng go bona ka matlho, a retologa, a tshaba Tshwene, matlho ga twe a ne a pelekane, e se na sepe le maswe a go nna jalo. E rile go bona batho ba tla – a letshogo kana ditirwa – ya tlola, ya namela setsaga. Sa petlekana, bojalwa jwa elela ba kgatlhantsha batho kwa kgorong, ba tuntunyega ka mesele.
      Ya tswela fa ntle, rotwe, ka legoroto la gagwe, ya ba leba gangwe fela, mme ba e naya mekotla.
      Nnyaya tlhe wena! Bo teng, re a bo itse, e seng ba motshegare o o kana.
      Ke eo tshwene ya gago, Baitlhoki! O tla e re eng? A o tla re ga o e itse? Ya gobota, ya ralala motse, ya tlhoka ena yo o ka e salang morago.

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com