| 01. Basadi ba ja mogetlo kwa lenyalong.
| 01. Basadi ba ja serobo kwa lenyalong. |
| 02. Dintšwa di bogola baloi
| 02. Dintšwa di bogola bommampipi |
03. Moruti o rathilwe ke tladi.
| 03. Moruti o rathilwe ke legadima. |
04. Mosadimogolo o ja lerito.
| 04. Mosadimogolo o ja tšhotlho. |
05. Monna wa semumu o kopa madi.
| 05. Monna wa semumu o kopa tšhelete. |
| 06. Dikeledi o ja leungo le le monate.
| 06. Dikeledi o ja leungo le le botshe. |
| 07. E rile legodu le bona mapodisi la tshaba thata.
| 07. E rile legodu le bona mapodisi la sia thata. |
| 08. Katse e bolaile legotlo.
| 08. katse e bolaile peba. |
09. Motsomi o hula dikgaka ka tlhobolo.
| 09. Motsomi o thuntsha dikgaka ka tlhobolo. |
| 10. Maeba a sela mmidi fa seboaneng.
| 10. Maphoi a nopa mmopo fa seboaneng. |
| 11. Basimane ba ja kabu.
| 11. Basimane ba ja lefata. |
| 12. Baeng ba itumelela legwetla.
| 12. Baeng ba itumelela letlhafula. |
| 13. Badisa ba bolotsa marele.
| 13. Badisa ba bulela marele. |
| 14. Mosimananyana o tsola seope.
| 14. Mosimananyana o apola seope. |
| 15. Mosetsana wa sebodu o gana go apaya.
| 15. Mosetsana wa motlapa o gana go apaya. |
| 16. Letagwa le roga moruti.
| 16. Letagwa le tlhapatsa moruti. |
| 17. Mosadi wa gagwe o mo khutsafalong.
| 17. Mosadi wa gagwe o mo kutlobotlhokong. |
| 18. Sefatlhego sa motlholagadi se tletse khutsafalo.
| 18. Sefatlhego sa motlholagadi se tletse manyaapelo. |
| 19. Batho ba fitlha moruti.
| 19. Batho ba boloka moruti. |
| 20. Dihutshane tsa rona di feditswe ke matlhalerwa.
| 20. Dihutshane tsa rona di feditswe ke makanyane. |
| 21. Re gorogile kwa Tsineng fa letsatsi le phirima.
| 21. Re gorogile kwa Tsineng fa letsatsi le wela. |
| 22. Badisa ba šapa mo mogobeng o o boteng.
| 22. Badisa ba thuma mo mogobeng o o boteng. |
| 23. Dikgomo tse di otileng ga di na tlhotlhwa.
| 23. Dikgomo tse di bopameng ga di na tlhotlhwa. |
24. Batsadi ba gagwe ba ne ba itsholetse.
| 24. Batsadi ba gagwe ba ne ba humile. |
| 25. Rraagwe e ne e le modidi.
| 25. Rraagwe e ne e le mohumanegi. |
| 26. Dinku tsa rona di atile.
| 26. Dinku tsa rona di oketsegile. |
| 27. Tlotlo ya gagwe e fokotsegile.
| 27. Tlotlo ya gagwe e ngotlegile. |
| 28. Kgoro e e bulegileng e isa tatlhegong.
| 28. Kgoro e e atlhameng e isa tatlhegong. |
| 29. Ke tla go roba molala.
| 29. Ke tla go roba thamo. |
| 30. Batlhanka ba roba mmidi wa kgosi.
| 30. Batlhanka ba kotula mmidi wa kgosi. |
| 31. Molapo o kgadile ka ntlha ya leuba.
| 31. Molapo o tšhwele ka ntlha ya leuba. |
| 32. Diruiwa di feditswe ke lešekere.
| 32. Diruiwa di feditswe ke leuba. |
| 33. Metsi a a maruru a ntsentse bolwetse.
| 33. Metsi a a tsididi a ntsentse bolwetse. |
| 34. Botlhoko jwa lehuba bo thata go alafega.
| 34. Bolwetse jwa mafatlha bo thata go alafega. |
| 35. Pule le Nteseng ke mafatlha
| 35. Pule le Nteseng ke mawelana |
| 36. Boammaaruri ga bo ratwe ke lefatshe.
| 36. Nnete ga bo ratwe ke lefatshe. |
| 37. Mosetsana o khubame fa pele ga sefapaano.
| 37. Morweetsana o khubame fa pele ga sefapaano. |
| 38. Modiegi o paletswe ke tlhatlhobo.
| 38. Modiegi o reteletswe ke tlhatlhobo. |
| 39. Monna o tswala tshega.
| 39. Monna o apara tshega. |
| 40. Morutabana wa rona o ila motsoko thata.
| 40. Morutabana wa rona o tlhoile motsoko thata. |
| 41. Manong a kokoanetse setoto sa tonki.
| 41. Manong a kgobokanetse setoto sa tonki. |
| 42. Bana ba longwa ke monang.
| 42. Bana ba longwa ke montsana. |
| 43. Dithunya di kgabisitse naga.
| 43. Ditšheše di kgabisitse naga. |
| 44. Setlhare se setona sa moumo se wetse ntlo.
| 44. Setlhare se segolo sa moumo se wetse ntlo. |
| 45. Moruti o gomotsa dikhutsana.
| 45. Moruti o kgothatsa dikhutsana. |
| 46. Mogokgo o lelekile bana mo sekolong.
| 46. Mogokgo o kobile bana mo sekolong. |
| 47. Morutabana o betsa ngwana ka thupa.
| 47. Morutabana o itaya ngwana ka thupa. |
| 48. Mmu o o boruma o lemega bonolo.
| 48. Mmu o o boleta o lemega bonolo. |
| 49. Pitse e tshologa mofufutso.
| 49. Pitse e tshologa sethitho. |
| 50. Balwetse ba itumelela mašwi a a lobese.
| 50. Babobodi ba itumelela mašwi a a lobese. |