Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

KITSO KAKARETSO

| Thuto ya Diane | Diane le ditlhaloso | Thuto ya Maele | Maele le ditlhaloso | Dithamalakwane | Dikapolelo
| Makaelagongwe | | Malatodi | Ditumatshwano | Dikapuo | Motlotlo | Dinaane |

Thutapuo

Thuto ya Diane

Tiro ya diane ke go ruta, go gakolola le go rotloetsa. Batsogapele ba ne ba di dirisa go bontsha bothakga le botlhale jwa tiriso ya puo, go ruta, go gakolola, le go rotloetsa setšhaba le go tokafatsa Bophelo.



THANOLO YA DIANE

Diane dingwe di a itlhalosa. Sekao ke, Ke–a-ja o bonwa ka menono. Le fa go ntse jalo seane se, Ditsebe di ya moletlo di sa lalediwa, ga se itlhalose jaaka se se fa godingwana, O ka lebelela le se se latelang. Molato o lefiwa ka lemao. Mo mabakeng a a tshwanang le a, tirisopolelong ke yona e ka re nayang tlhaloso ya seane. Diane ke karolo nngwe ya bokgeleke jwa puo. Gantsi, diane ga di diriswe di le nosi, di diriswa mmogo le dikarolo dingwe tsa puo go aga motheo wa bokao. Go tswa motirisong ya tsona motho a ka kgona go di tlhaloganya, go di sekaseka le go di ranola. Tirisopolelong e botlhokwa thata go tlhaloganya tlhaloso ya seane ka botlalo.
    Bakwadi ba bantsi ba rata go dirisa diane jaaka ditlhogo tsa ditlhangwa tsa bona; lebelela Ngaka mosadi mooka ya ga Rre Monyaise e e leng khutswafatso ya seane se, Mosadi mooka o nya le mariga. Le fa re ka fopholetsa gore e bua ka eng, re tshwanetse go e buisa gore re tle re itse se mokwadi a se tlhagisang go tswa mo tlhaloganyong ya gagwe. Jaaka Rre Leseyane a bua ka ga seane se, Tshwenyana e e 'bowa bontlha e a ikilela, seane se se tletse boammaaruri jo bo se nang go ka okediwa, le gona se re bontsha botswerere le bothakga jo batho ba bogologolo ba neng ba ithutile go bua puo ya bona ka jona. Diane di senola botlhale, talente le mowa wa setšhaba.
Maikaelelo a thuto e, ke go re re ikgakolole mabapi le thuto le botlhokwa jwa diane mo setsong le mo botshelong jwa Motswana.

Diane ke dikapolelo tse di nang le bokao, bokao jwa tsone jo bo kgethegileng bo itshupa fa di dirisiwa mo mabakeng a a rileng. Bokao jwa seane bo laolwa ke mabaka a a farologaneng le maemo a di dirisiwang mo go ona, jk.
  1. gore ke mang yo o dirisang seane?
  2. seane se lebisitswe kwa go mang?
  3. a se golagane le tiragalo nngwe e e setseng e kile ya diragala?
  4. a se golagane le sengwe se sa ntse se ka diragala?
A re tseyeng sekao sa seane,
Tlhapi solofela leraga metsi a tšhele o a lebile,
mme re leke go bona ka moo se ka dirang ka teng mo botshelong. Potso ya ntlha ke gore seane se se dirisiwa leng? Mmui kgotsa mokwadi o ka dirisa seane se, fa maemo a tshwana le a a kaiwang mo seaneng. A re tseyeng sekao sa fa bana ba tlhokafalelwa ke batsadi ba sa le bannye, ba tshwana le ditlhapi tse di kgalelwang ke metsi, mme jaanong ba tshwanna ke go itse gore ba tla kopana le mathata, a mo seaneng a kayang loraga gongwe seretse.
    • Fa ngwana yo a itebisa seane se, o tla bo a itlhaba botlhale jwa go itse gore jaanong o tshwanetse go semelela, mme a lwe le mathata a botshelo.
    • Fa e le ngwana yo o setshwakga, a ka itebisa seane se, mme a nna le bokao jwa gore ka jaanong a latlhilwe ke batsadi ba gagwe, o tla nnela mo mathateng (lorageng) go ya ka bosakhutleng.
    • Fa mongwe a lebisa bana ba seane se fela morago ga loso la batsadi ba bone, o tla bo a ba tlhaba botlhale jwa gore ba tshwanetse go dira ka natla go fenya mathata a.
    • Fa mongwe a lebisa bana ba seane se, dingwaga di le dintsi morago ga loso lwa batsadi ba bona, mme e bile bana ba ba fetogile diganana e le dinokwane, o tla bo a sa ba thuse, mme a ba sotla, mme a gatelela ntlha ya gore ba mo lorageng lo ka ntlha ya fa batsadi ba ba neng ba ka ba tlhokomela ba se yo.
    • Fa batho ba babedi ba sekaseka botshelo jwa bana ba fela morago ga loso lwa batsadi ba bona, mme mongwe a dirisa seane se a ba lebile, o a bo a bontsha kutlwelobotlhoko mo baneng ba, ka go itse mathata a a tla ba aparelang.
    • Fa puisano ya mothale o, e diragala morago moo, ebileng bana ba ba setseng ba senyegile ba fetogile dinokwane, seane se, se a bo se ba sotla.

Thadiso e e fa godimo e, e tlhagisa ka moo bokaotota jwa seane bo laolwang ke ditiragalo tsa botshelo.

Matshwao a popego ya diane

  1. Gonne diane e le dipolelwana tse di feleletseng, di bopiwa ke Maina (didiri), a latelwa ke matiro a a maleba, a ka tswa a le mo kganetso kgotsa mo tumelong, jk
    • Tlala ke telekela ka moa e se nang mokgosi;
    • Setsenwa ga se se se jang ditlhare ka meno.
    Fa, re na le kopulatifi ya tshwantsho kgotsa tekatekanyo, mo tumelong le mo kganetsong.
  2. Diane tse dintsi di dirisa matiro, a ka tswa a le mo tumelong kgotsa mo kganetsanong, jk.
    • Motsamai o ja noga;
    • Moipolai ga a lelelwe.
  3. Mo dianeng re fitlhela go dirisitswe mainatswako thata go naya seane popego ya poko,jk.
    • Disaitsaneng di a welana.
  4. Sekao se se fa godimo ga se kaye gore seane se kgona go nna le leinatswako, jaaka sediri, fela, seane se ka bopiwa ke polelotswako, jk.
    • Tau ga e je e dumile, e a re e lela e bo e re e tlhaselwe;
    • Tau e iphutha metlhala e le nosi, e na le malawana mafaratlhatlha.
  5. Diane dingwe di simolola ka Lebitsi le le supang sebuisiwa. Lebitsi le , le latelwe ke taelo, le tlhalosa go tlaleletsa kgotsa go naya lebaka la taelo, jk.
    • Tlhapi, (lebitsi) solofela loraga, (taelo) metsi a tshele (lebaka) o a lebile

A re lebelele matshwao a poko mo dianeng gore re tle re tlhaloganye boleng jwa diane sentle.

Gantsi re amanya poko le mela e meleele, ditema kgotsa ditemana. Se, ga se phoso, mme ga se re neye popego e e feleletseng ya poko. Poko e theilwe thata mo moribong le mo matshwaong a moribo. Moribo o ikaegile thata ka poeletso ya medumo, dinoko le segalo. Ga go thata go lemoga matshao a mo dianeng. Sekao se se latelang se setlega ntlha e sentle.
        Se ileng se ile, lesilo ke moselatedi.

A o ke o lebelele o bo o utlwelele poeletso ya medumo e, l le s, le dinoko tse di tshwanang, mmogo le moribo o o tlhagelelang fa di dumisetswa kwa godimo.
  Lebelela pharologantsho-tekanyo e e tlhagelelang mo seaneng se se latelang.
      Lepotlapotla le ja podi, modikologa o ja pholo (ya tona).

Go na le tekatekano magareng ga dipolelo tse pedi tse, fa re itlhokomolosa 'ya tona'. Nngwe le nngwe ya tsona e bopiwa ke dinoko di le robongwe. Kgaotso e e tlhagelelang fa gare ga tsona, e e bontshwang ke phegelwana, e bontsha ase ya tekatekano. Fa dipolelo tse di ka kwalwa mo lebokong di ya go kwalwa jaaka mela e mebedi ya temana ya leboko, jk:
        Lepotlapotla le ja podi,
        Modikologa o ja pholo.

Mo seaneng se, tekatekano le poeletso ya medumo le popego, di a kopana, mme se se supa sentle gore diane ke poko. Ela poko tlhoko mo dianeng.



Segarona mophato wa 9 (Tsebe 507-508; 552-553)

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com