Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Tsa Pholo

Re bolawa ke malwetsi kgotsa ke menagano e e fosagetseng

Gona le batho ba ba kgonang go phela sebaka morago fa ba sena go lemoga gore ba na le bolwetsi bongwe jo bo kotsi, gongwe jo bo sa foleng. Bolwetsi jaaka HIV/AIDS bo tumile thata ka gore bo a bolaya, se se makatsang ke gore bangwe ba batho ba ba tshwaeditsweng ba kgona go phela dingwaga di ka nna masome a mabedi (20), fa bangwe dingwaga tse pedi di le dintsi go phela. Jaanong potso ke gore a ba bolawa ke bolwetsi kgotsa ke tlhaloganyo e e ba atlholetseng loso. Go nna le monagano o o siameng ka nako tsotlhe, ke sona se se ka re thusang go fenya kgotsa go laola malwetsi a rephelang ka ona. Fa o bolelelwa gore o a lwala mme wa gopola loso, o setse o ipolaile. Gantsi fa go buiwa ka batho ba ba ipolayang go buiwa ka ba ba ikgwagetsang kgotsa go dirisa sengwe le sengwe se se kotsi go tsaya botshelo jwa bone, go lebalwa batho ba

MEFUTA YA MALWETSI LE TSA PHOLO KA KAKARETSO

Tshedimoso ya malwetsi e e ranotsweng gotswa mo tshekatshekong ya baitsaanape ba maemo a a kwa godimo ba boNgaka. Mongwe le mongwe o rotloediwa go bona Ngaka ya gagwe fa a sa itemoge sentle, gore e mo netefaletse bolwetsi le kalafo e e maleba go nne batlhotlhi kgotsa baetleetsi le fa ele badiri gongwe baithaupi ba webesaete e. ba se kitla ba tsaya maikarabelo a tiriso e e botlhaswa ya tshedimoso e e tlhagelelang fa tlase fa, ka malwetsi a a farologaneng.
HIV/AIDS  |   Kankere  |   Khupelo  |   Lehuba  |   Pelo  |   Marapo le Ramatiki  |   Sukiri  |  

Marapo le Ramatiki

Bolwetse jwa marapo le malwetse mangwe a a tlholang botlhoko le go gagamala ga mesifa le bokopanelo jwa marapo.

Bolwetse jwa marapo le malwetse mangwe a a tlholang botlhoko le go gagamala ga mesifa le bokopanelo jwa marapo di bakwa ke botlhoko, borurugo, go tsikinyega go go rileng ga dijoene le di tissue tse di mo mmeleng. Go ya ka (Centers for Disease Control and Prevention), di milione di feta 46 tsa batho kwa US ba na le mofuta wa bolwetse jo le bogole jwa dijoene.

Bolwetse jwa marapo, jo sentle bo kayang borurugo jwa marapo moo a kopanang teng, bo kaya malwetse a a farologaneng a feta lekgolo. Malwetse a Ramatiki a akaretsa malwetse a a bakang botlhoko, go gagamala le borurugo mo dijoeneng, (bokopanelo jwa marapo), jaaka mesifa, le dikarolo tse di tshegeditseng marapo. Sentlentle bolwetse jwa marapo bo wela ka fa tlase ga malwetse a Ramatiki.

Bolwetse jwa marapo le malwetse mangwe a Ramatiki, go le gantsi a amanngwa ka phoso le botsofe, ka ntlha ya gore osteoarthritis (mofuta mongwe wa bolwetse jwa marapo jo bo tlwaelegileng). e tshwara thata batho ba ba setseng ba godile. Le fa go le jalo, bolwetse jwa marapo le malwetse mangwe a ramatiki a tshwara/tlhasela batho botlhe.

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com