Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Tsa Pholo

Re bolawa ke malwetsi kgotsa ke menagano e e fosagetseng

Gona le batho ba ba kgonang go phela sebaka morago fa ba sena go lemoga gore ba na le bolwetsi bongwe jo bo kotsi, gongwe jo bo sa foleng. Bolwetsi jaaka HIV/AIDS bo tumile thata ka gore bo a bolaya, se se makatsang ke gore bangwe ba batho ba ba tshwaeditsweng ba kgona go phela dingwaga di ka nna masome a mabedi (20), fa bangwe dingwaga tse pedi di le dintsi go phela. Jaanong potso ke gore a ba bolawa ke bolwetsi kgotsa ke tlhaloganyo e e ba atlholetseng loso. Go nna le monagano o o siameng ka nako tsotlhe, ke sona se se ka re thusang go fenya kgotsa go laola malwetsi a rephelang ka ona. Fa o bolelelwa gore o a lwala mme wa gopola loso, o setse o ipolaile. Gantsi fa go buiwa ka batho ba ba ipolayang go buiwa ka ba ba ikgwagetsang kgotsa go dirisa sengwe le sengwe se se kotsi go tsaya botshelo jwa bone, go lebalwa batho ba

MEFUTA YA MALWETSI LE TSA PHOLO KA KAKARETSO

Tshedimoso ya malwetsi e e ranotsweng gotswa mo tshekatshekong ya baitsaanape ba maemo a a kwa godimo ba boNgaka. Mongwe le mongwe o rotloediwa go bona Ngaka ya gagwe fa a sa itemoge sentle, gore e mo netefaletse bolwetsi le kalafo e e maleba go nne batlhotlhi kgotsa baetleetsi le fa ele badiri gongwe baithaupi ba webesaete e. ba se kitla ba tsaya maikarabelo a tiriso e e botlhaswa ya tshedimoso e e tlhagelelang fa tlase fa, ka malwetsi a a farologaneng.
HIV/AIDS  |   Kankere  |   Khupelo  |   Lehuba  |   Pelo  |   Marapo le Ramatiki  |   Sukiri  |  

Khupelo

Aleji le Khupelo

Aleji le Khupelo ke mangwe a mathata a malwetse a a tlwaelegileng. Batho ba bantsi mo lefatsheng ba sotlwa ke khupelo e e tlesiwang ke Aleji e e tswang mo lerolong la mmu le la dithunya go ya ka go farologana ga ditlha.
Di Aleji tse dingwe jaaka tse dinnye tsa mogote wa mmele o o kwa godimo ga di tlhoke kalafi e e kgethegileng di ka kgonwa fela ke melemo e e rekisiwang.
Tse dingwe di ka nna kotsi le go kgoreletsa bophelo jo bo siameng jwa letsatsi le letsatsi. Fa go le jalo o tshwanetse go bona ngaka ya gago gore e bo go thuse le go bo laola.

Ka ga Khuphelo

Khupelo ke eng?

Khupelo ke bolwetse jo bo botlhoko jwa makgafo jo bo tsamaisanang le bothata jwa go hema e bile bo tsaya lobaka lo lo leele.
Khupelo e tlhagelela ka ditsela tse tharo tsa mathata a tsela ya mowa:
  • Kgoreletso
  • Goruruga
  • Ponagalo e e kwa godimo
  • Matshwao a Khupelo ke afe?

    khupelo e ka tshwana gongwe go akarediwa ke mathata a go hema jaaka bronchitis, emphysema le tshwaetso e e kwa tlase ya go hema. Ga e bonagale bonolo, batho ba le bantsi ba bolwetse jo ga ba itse ga ba na le bona. ka dinako dingwe matshwao e nna a go gotlhola phetelela, bogolo thata bosigo, go nna le molodinyana o o rileng o o diragalang fela fa o ikatisa. Bangwe ba nagana gore ba na le go gotlhola thata go go ipoapoeletsang gonne tshwaetso ya go hema gantsi e diragala mo mafatlheng mo bathong ba ba nang le khupelo.

    Ke eng se se tlholang Khupelo?

    Se se tlholang go sa itekaneleng ga matshwafo mo khupelong ga se ise se itsiwe, le fa ba lefapha la pholo ba tlhalosa gore ke mofuta wa botlhoko jwa tsela ya mowa e e isang go: 1. Nyenyefatso ya mesifa ya tsela ya mowa.
    2. Go nna teng ga mamina
    3. Go rururga mo tseleng ya mowa

    Go botlhokwa go itse gore khupelo ga e tlholwe ke kutlobotlhoko jaaka go ne go itsege bogologolo. Tlalelo ya maikutlo le go gogega ditshika di tlhola bokoa le letsapa tse di kgoreletsang itekanelo ya mmele, mme se se ka oketsa matshwao kgotsa tlhaselo ya khupelo. Se se ka tsewa jaaka dipholo e seng tsedi tlholang bolwetse jwa khupelo.
    Kotsi ya khuphelo e tliswa ke eng?
    Sengwe le sengwe se se tlhatlhosang ditsela tsa go nna le bolwetse se kotsi. e ka nna tiragatso, mofuta wa dijo, ditiragalo tsa lelapa le tse dingwe.

    Malwetse a a farologaneng a na le dikotsi tse di farologaneng. le fa dintlha tse di ka tlhatlhosa kotsi mo mothong, ga di tlhole bolwetse.
    Sekai bangwe ba batho ba ba nang le matshwao a kotsi ya go tshwarwa ke kankere ga e ba tshware, fa bangwe ba nna le kankere mme ba sa nna le matshwao ape a kotsi.
    Go itse dintlha tsa kotsi ya bolwetse bofe le bofe go ka go thusa go tsaya kgato e e maleba, go fetola mekgwa le go tsamaya kliniki.

    Goreng khupelo e gola

    Batho ba science ba bua gore phokotsego mo kgatelelong ya bolwetse e ka nna ntlha e nngwe mo kgolong ya khupelo ya aleji. Ba dumela gore gongwe mmele yo o sa tlhokomelweng sentle gongwe o sa itekanela go ka nna motlhofo gore o dumele go tlhaselwe ke dilonyana tse di sa reng sepe tse di ka letlelelang dingwe tse di amanang le go tsoga ga aleji gore e go tlhasele.

    Ba batlisise ba bangwe ba bua gore, nako e ntsi e bana ba beiwang thata mo teng ga ntlo ka yona, ba iphitlhela ba tshwaetswa ke mebetshe e e mo ntlong le dingwe tse di ka tlholang aleji.

    Dintlha tse di kotsi tsa tlhaselo ya Khupelo ke dife?

    Le fa mongwe le mongwe a ka tlhaselwa ke Khupelo , gantsi e diragala mo:
  • Bana le ba ba mogareng ga dingwaga di le 5 le 17.
  • Bagolo ba ba fetang dingwaga di le 65
  • Batho ba ba phelang mo metse setoropong
  • Dintlha tse dingwe ke:
  • Ditiragalo tsa Khupelo mo lapeng.
  • Ditiragalo tsa kalafo ya Aleji mo mothong
  • Bana ba ba ratwang ke tlhaselo ya Khupelo ba akaretsa:
  • Bana ba ba tsalwang mo lapeng la tiragalo ya Khuphelo
  • Bana ba e reng ba nna le bothata ba go hema , ba nne le go lela ga molodinyana fa ba hema.
  • Bana ba ba nang le Aleji.
  • Bana ba ba hemang musi wa motsoko le dingwe tsa Aleji pele ga tsalo.
  • Go diragalang fa o tlhaselwa ke Khupelo?

    Batho ba ba nang le Khupelo, ba na le go utlwa botlhoko ba nakwana fa tsela ya mowa mo mafatlheng e ngotlega, mme go hema go nne thata. Bothata bo, bo tlholwa ke go utlwa botlhoko motlhofo ga mafatlha le tsela ya mowa.
    1. Mafatlha le tsela ya mowa dibonako go bontsha ditlhaselo tse dingwe e be di utlwa botlhoko di tswalega.
    2. Go hema go nna bokete e be go nna botlhoko
    3. go ka nna le go gotlhola.
    4. Go ka nna le molodinyana o e leng wa Khupelo.
      molodinyana o dira ka ntlha ya
      1. Fa mesifa e e dikologang tsela ya mowa e gagamala, layer e e ka fa teng e a ruruga e bo e kgoromeletsa ka fa teng.
      2. Letlalonyana le le apesitse tsela ya mowa le ntsha mamina a mantsi.
      3. go tswa ka pateletso ga mowa mo phatlheng e e tshesasae ya tsela ya mowa, e baka molodinyana.

    Khupelo e bonagala jang?

    Khupelo e bonagala fela gotswa mo malwetseng mangwe a matshwafo, dingaka di ikaega ka tsa bophelo jwa lelapa, diteko tsa mmele, le diteko tse di tseneletseng tsa laboratori, jaaka:
    1. Spirometry - Spirometer ke sediriswa se se diriswang ke dingaka go lekola matshwafo gore a dira jang. spirometry- ke tlhatlhobo ya matshwafo ka Spirometer. ke sona teko e e bonolo e tlwaelegile e bile e ka dirisetswa mabaka a a rileng:
    2. Go bona gore matshwafo a kgona go amogela, go tshwara le go dirisa mowa go le kae.
    3. Go lekola bolwetse jwa matshwafo.
    4. Go lekola matlhagatlhaga a kalafi.
    5. Go bona gore bolwetse jwa matshwafo bo kotsi jang.
    6. Go bona gore bolwetse jo bo fokotsa kelo ya mowa kgotsa bo a e kgoreletsa.
    7. Peak Flow monitoring (PFM): - Ke sediriswa se se lekanyang lobelo leo motho a kgonang go ntsha mowa mo mafatlheng ka lona.
    8. Diteko tsa mafatlha (Chest X-Ray)
    9. Diteko tsa madi: go aroganya diteko tsa mowa o o phepa le o o seng phepa
    10. Diteko tsa Aleji.

    Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com