Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Tsa Pholo

Re bolawa ke malwetsi kgotsa ke menagano e e fosagetseng

Gona le batho ba ba kgonang go phela sebaka morago fa ba sena go lemoga gore ba na le bolwetsi bongwe jo bo kotsi, gongwe jo bo sa foleng. Bolwetsi jaaka HIV/AIDS bo tumile thata ka gore bo a bolaya, se se makatsang ke gore bangwe ba batho ba ba tshwaeditsweng ba kgona go phela dingwaga di ka nna masome a mabedi (20), fa bangwe dingwaga tse pedi di le dintsi go phela. Jaanong potso ke gore a ba bolawa ke bolwetsi kgotsa ke tlhaloganyo e e ba atlholetseng loso. Go nna le monagano o o siameng ka nako tsotlhe, ke sona se se ka re thusang go fenya kgotsa go laola malwetsi a rephelang ka ona. Fa o bolelelwa gore o a lwala mme wa gopola loso, o setse o ipolaile. Gantsi fa go buiwa ka batho ba ba ipolayang go buiwa ka ba ba ikgwagetsang kgotsa go dirisa sengwe le sengwe se se kotsi go tsaya botshelo jwa bone, go lebalwa batho ba

MEFUTA YA MALWETSI LE TSA PHOLO KA KAKARETSO

Tshedimoso ya malwetsi e e ranotsweng gotswa mo tshekatshekong ya baitsaanape ba maemo a a kwa godimo ba boNgaka. Mongwe le mongwe o rotloediwa go bona Ngaka ya gagwe fa a sa itemoge sentle, gore e mo netefaletse bolwetsi le kalafo e e maleba go nne batlhotlhi kgotsa baetleetsi le fa ele badiri gongwe baithaupi ba webesaete e. ba se kitla ba tsaya maikarabelo a tiriso e e botlhaswa ya tshedimoso e e tlhagelelang fa tlase fa, ka malwetsi a a farologaneng.
HIV/AIDS  |   Kankere  |   Khupelo  |   Lehuba  |   Pelo  |   Marapo le Ramatiki  |   Sukiri  |  

HIV/AIDS

NNA HIV/AIDS KE LENYATSO

Ke dumedisa ditulo tsotlhe ka go latelana, go simolola ka modisa kgoro go felela ka mo bishopo mogolo, le phuthego yotlhe ya modimo e e galalelang. Ke boa ke lebisa madume a me kwa baruteging, go simolola ka mongwe le mongwe yo a sa itseng go buisa le go kwala go felela ka diporofesa, dingaka le ba rutege botlhe ba dikwalo tsa bona tsa tshupo ya thuto, di senang le le lefelo la bonno mo maboteng a diphapuse bonno le diphapuse bojelo tsa bona. Malata go felela ka kgosikgolo ke fano batlotlegi bame. Moporesidente le kabinete ya gagwe madume ga a jelwe sepe, ke sa lo lebale bo ra dipolotike, mekgatlho ka go farologana. Majelathoko a ko molemeng ke ntse ke re ke fano. Batshamike ba metshameko yotlhe, dikakapa le bo mmampodi ba di olompiki madume. Bagasi le ba bueledi botlhe ba ba buang ka nna molefeleleng go sa tsene sepe mo go bo thuntsebe ke a lo dumedisa. Ka na batho ba ga lowe ba ne bare, yoo sa utlweng ka ditsebe o tla utlwa ka letlalo. Makgarebe, makau, Bagolo botlhe ke setse ke dumedisitse. Nka tloga ka senya nako fa ke ka lo dumedisa lotlhe ka bongwe ka bongwe, ka bukhutshwane botlhe ba Jehofa a santseng a ba a dimile matsatsi a bophelo ke a lo dumedisa ntle le kgethololo epe.

Kana nna selo se lefufa ga ke kitla ke nna le sona. Bo seboba re bata sa mokwatla ga ke ba itse, Go re o le apara Nkwe gongwe o ra dimilone milone, ga ke di tsene. Nna ga kena mokwaledi, gongwe lelata le e reng fa o mpatla o fete ka lona pele. Tota ga ke tlhoke modiredi ope, ke nna ke le teng di ura dile masome a mabedinne. Fa o sa itlhokomele o batlana le nna fa ke teng, o tla mphitlhela ke go e metse ka maatla a matona. O nkutlwe sentle ga ke dirise di porotokolo. Gore o tsentse di palamonwana, gongwe o mmabontle wa boditšhaba, kampo o itse gore Amen otlhagelela ga kae mo thamageng yaabo Jeso, ga kena sepe. ke rile ke lenyatso ga kena maitseo, ga ke lerole ga ke tlhotlhoriwe ke botho buile, fa ke go kgomaretse ke tsena le wena mo lebitleng. Kana gatwe ga go tume di melala, ga ke mongwe wa maapara nkwe mme ke tumile go ba feta. Nna kana le fa ke rogakiwa, ga ke latelele ope lo ntatela kwa ke ituletseng teng. Le fa ke ntse kgakala ke sa tshwenye ope bangwe bona ka go sa kgotsofaleleng se jo sennye, ba a ntatela. Ke utlwela masea botlhoko ka gore nna tota ga ke tlhope, kana bana mamphorwana maatlhamela ba bolai.

Bathong nna AIDS ke teng ke a phela ke tshwana le moloi ga ke na mmala. E re ke fetsa go tsena molekgarebeng le ntse le setlhana, go se nne le mokwalo ope mo go lona o o bontshang go re nna kgosikgolo ya di kokwanatlhoko, ledimo le ja batho, nta ya selomela kobong, selalome gare ga dilalome ke gorogile. E re le feta ka tsela lekgarebe bangwe ba lebala go re ba tsentse di palamonwana, ba lebala maikano, Makau a tsogelwa ke maikutlo a se eng di tante tsa kukega. Le ntse lesetlhana le kgarebe la batho le lona le sa itse gore ke ngaparetse ga ke lerole ga ke tlhotlhoriwe. Ka na lekgarebe le lona lo ne lo ne lo kgatlhilwe ke bo porofesa, ke raya bo ra di huba huba la tlelwa ke maikutlo gare ga maikutlo, la tsena bodibeng metsi a sa tlhatlhojwa kholera. La kgatlha makau a mangwe, makau a kgatlha makgarebe, ga kgatlhakgatlhanwa, ga rata ratanwa, ga dirwa lerato. Nna ka ntsifala ka ata jaaka motlhaba wa lewatle. Ruri ga kena pelo tlhomogi.

Ke ne ke ipaa mabala a kgaka, ke go bontsha fela gore ke maswe go le kanakang, o se ka wa duduetsa ke maswe, ga ke na pelotlhomogi. Fa ke ka go bolelela ditiro tsa me, letsatsi le ka tswa la bo la phirima. Nyaa tlhe lengwe ke le le nkgakile, mme ga le a nkgaka, ke boa ka lona.

FA LO BATLA GO MPHENYA LO KA DIRA ENG?

Selo sa ntlha se lo ka sedirang fa lo batla go mphenya ke go reetsa, lo seke lwa utlwa ka tsa ga morakile, lwa itira di susu. Ka lo boleletswe mekgwa yotlhe e ketsenang ka yona le gore lo ka dirang gore lo itshireletse kgatlhanong le nna, bangwe ba sa ntse ba sa batle go utlwa mme bangwe ke batswa setlhabelo ka balekane ba bona ba tla ba nthwele ka matheka ba ntlisa mo lapeng.

KONKOMI KA FA MORAGO, KA FA PELE KGOMO DI A TSWA.

MAKGAREBE, ka na lona le batswa setlhabelo ba maemo a ntlha, ga ke itse lebaka legolo, mme ka dinako dingwe le ka kgona go iphemela ka go tsaa mafoko a motsoga pele, la seke la reetsa maaka le ditshepiso tsa borre. Motsoga pele fa a ne a re, "konkomi ka fa morago, ka fa pele kgomo diatswa" o ne a raya gore lo ikgatlhe ka boleng jwa mmele wa lona, e re fa nako e fitlhile ya gore lo nyalwe lo bo lo sireletsegile. A nyaa wa lona e nne nyaa, a utlwalele kwa godimo, le ga-ke-ba-tle a tsene sentle mo di tsebeng tsa borre ba. Lo se ka lwa itira sediba se se fa kgorong ya motse se mongwe le mongwe a nwang fa go sona fa a tsena ka motse.

  1. Tlogelang go reetsa borre fa o sa batle selo se mo letlelele go tlhalosa go ya pele, ka baitse le go itlhomodisa pelo. Batho ba ba loleme lo borethe fa o rile nyaa, setlhole o tswelela ka kgang.
  2. Tlogelang go tshosiwa ke batho ba re batswa Gauteng lo ba tseela kwa godimo, go lo gongwe ba bidiwa maphoi a sekgowa, o fitlhele motho kwa a tswang teng a robala morago ga batho botlhe, a tsoge pele ga batho botlhe, ruri ga go monate go robala mo phaposing ya boapeelo. Lona fa ba etile lo ba tseela kwa godimo thata, lo ba tsenya mo diphaposing tsa go robala, ga ba di itse dilo tse, sa bona ke go le tlogelela nna AIDS fela.

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com