LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Dikgosi tsa Batswana tsa jaanong go ya ka Dinaga tsa bona.

Dikgosi tsa Batswana tsa AFORIKA BORWA | BOTSWANA | NAMIBIA

NAMIBIA

Mogaetsho dikgosi tsa rona ga di nna histori e leele jaaka tsa lona. Batswana ba dule kwa Kudumane ka fa tlhase ga boeteledipele jwa ga kgosi Morwe, a tlhatlhamiwa ke morwae Kgosiemang ene a tlhatlhamiwa ke mogwe wa gagwe Mootseng, ene a tlhatlhamiwa gape ke mogwe Karaboeng Mokalabatho ene a tlhatlhamiwa ke setlogolo sa Kgosiemang ebong Letang Kgosiemang yo a busang gona janong. Rotlhe he Batlharo meratshwana e mengwe e ka fa tlhase ga bogosi jwa Setlharo le ha b a nale baemedi jaaka ke setse ke kaile.

Ke itumela go utlwa fa o tshwaragane le tiro e ntle jana le go itse gore o rata go akaretsa Batswana ba Namibia mo website ya gago. Ke kopa gore o nthomelele khopi fa o feditswe ka maiteko a gago a mantle ele ruri. Ke tla leka go go nnela fa ke kgonang teng. Le gale ke gakgamala gore o bone kae emaile yame. Batswana ba ka nna gongwe le go feta di kete tse di 20 000 mo Namibia . Botlhe ke Batlhware, Batshweneng mme go nale makgotla a latelang: Balotlhare ke bona ba bogosi, Bahute ba ga Lotlhare, Bagomotso, Baphokoje, Bakoledi, Bakeakopa, Barolong, Batlhaping, Bakgatla, Bakhidi, Baphadima, Bakwena. Ba nale metse selegae ele mebedi. Mokala kwa ba ileng ba remela teng fa ba fitlha mo lefatsheng leno le Metsweding. Le gale ba aname le lefatshe lotlhe la Namibia mo ditoropong tse di farologaneng . Re nale kgosi ele ngwe hela ka dikgosana tsa yona eleng, Kgosikgolo Constance Letang Kgosiemang. Dikgosana ke: rre Ignatius Thudinyane, rre Setlhare Maritshane, mme Kekgangtsaeng Mogotsi Tokwane, rre Olibile, rre Bebeng Modisa, rre Richard Madi, mme Afrosine Mbuende, rre Tamea Lebereki, rre Obotseng Dirk, rre Polycarp Serogwe, rre Laurens Kganeno Mokhatu. Ke gopola ke tsona tsotlhe. Puso e ba lemoga ele baagi ba Namibia , ban ale boloadi jwa bona go ya ka molaotheo wa Namibia o bediwa, Batswana Ba Namibia Traditional Authority, go nale Batswana ba babedi mo parlamenteng, mongwe ke motlatsa-tona wa Transport and Communication yo mongwe ke moparlamente hela. Dikolo tse di dirang maiteko a go ruta Setswana nne(4) ngwe ke sa puso dile tharo ke tsa Kereke e Katoloki(RC), ke dikolo tse di potlana tsa poramari tse di helelang mo go Grade 10 go ya kwa godimo le kwa Yuniversety bana ba rona ga ba rutiwe Setswana. Mogaetsho se tshabe go botsa sengwe le sengwe o kopane le motswedi wa tota.

Namibia e na le kgosi e le ngwe le dikgosana di le 25










Tlhalefang Communications © 2008. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com