Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
'Pelo e senang phufa selo ya be e se sa yona'
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
Setlhopha sa mmino
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

Bua Setswana, Buisa Setswana

Bagaetsho re tshepisa gore tshedimoso nngwe le nngwe e e fosagetseng gongwe tiriso e e bokoa ya Setswana e e ka tlhagelelang mo SETSWANA.COM re tla e siamisa ka thuso ya setšhaba, mme e e tlhaelang le yona re tla e akaretsa re tshwaragane le lona. Maikaelelo a BUISA SETSWANA, BUA SETSWANA ga se bo busa esi jwa motho a le mongwe mme ke gore setšhaba se thuse go refosana le go rutana Setswana.

MAIKAELELO

1. Go leka go kgobokanya tshedimosetso e e botlhokwa ya histori le bophelo jwa maloba jwa Batswana, gore re botshwantshanye le jwa gompieno, retle re somarele le go ithuta Setso le Ngwao.

2. Go kgobokanya le go ranolela tshedimoso nngwe le nngwe e e botlhokwa mo Setswaneng, ka maikaelelo a go rotlweetsa Batswana go buisa Setswana le go thusa ba ba sa tlhaloganyeng sejatlhapi.

3. Go gwetlha ba ba nang le kitso e e tseneletseng ya Setswana go e tlhagisa mopepeneneng.

PONELOPELE

Go bona tshedimoso nngwe le nngwe e e botlhokwa e kwadilwe ka Setswana.


















Tlhalefang.com © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mophasalatsi cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com

Le fa re lekile ka bo jotlhe go dirisa tshedimoso e e siaming le puo e e letlelesegileng ya Setswana, ga re tshepise go re sengwe le sengwe se kwadilweng mo SETSWANA.COM se nepagetse ka botlalo. Mongwe le mongwe yo a nang le tshedimosetso e e botoka gongwe e e nepagetseng go feta e e kwadilweng o letleletswe go e tlhagisa ka botlalo go thusa go tsweletsa le go godisa Puo le Ngwao ya Setswana. Dikganetsano le dingangisano tsotlhe di buletswe.